amor de Deus
O amor de Deus é a maior realidade do universo. Ele nos amou com amor eterno, incondicional e sacrificial — e nada no mundo pode nos separar desse amor.
Amor eterno
Deus amou o mundo de tal maneira que deu o seu Filho. Seu amor é de eternidade a eternidade — nunca falha.
Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.
Mme Modimo o ne wa supa lorato lwa one lo logolo mo go rona ka go romela Keresete go tla go re swela fa re ne re sa ntse re le baleofi.
Gonne ke tlhomamisa gore ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa gagwe. Loso ga lo ka ke, le botshelo ga bo ka ke. Baengele ga ba ka ke, le dinonofo tsotlhe tsa molete ga di ka ke tsa re kgaoganya le lorato lwa Modimo. Dipoifo tsa rona tsa gompieno, boitlhobaelelo jwa rona kaga letsatsi le le latelang, kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.
Natureza do amor divino
Deus é amor. O amor é paciente, benigno. O amor do Pai nos adota como filhos e nos transforma à sua imagem.
Ditsala tse di rategang, a re itlwaetseng go ratana, gonne lorato lo tswa kwa Modimong mme ba ba ratang ebile ba le pelonomi ba supa gore ke bana ba Modimo, le gore ba simolola go o tlhaloganya botoka. Mme fa motho a sena lorato le bopelonomi, go supa gore ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato.
Modimo o supile ka fa o re ratang ka teng ka go roma Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng leno la boikepo go re leretse botshelo ja bosakhutleng ka loso lwa gagwe. Ka tiro e, re bona gore lorato lwa boammaaruri ke eng: ga se ka fa re ratang Modimo ka teng, mme ke lorato lwa One mo go rona go simolola ka nako e o neng o roma Morwaone go tla go nna setlhabelo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
Ditsala tse di rategang, ere ka Modimo o re ratile mo go kalo, re tshwanetse go ratana le rona.
Re itse gore Modimo o re rata go le kae gonne re ikutlwetse lorato lwa one, ebile re a o dumela fa o re bolelela gore o re rata thata. Modimo ke lorato, mme le fa e le mang yo o nnetseng ruri mo loratong o nnetse ruri mo Modimong le Modimo o nnetse ruri mo go ene.
Jalo a lo lemoga gore go mo rata ga rona go dirwa ke go bo a re ratile pele.
Bonang ka fa Rraarona wa legodimo a re ratang ka teng, gonne o re letla go bidiwa bana ba gagwe, akanyang ka gone, re bana ba gagwe tota! Mme ka batho ba le bantsi ba sa itse Modimo, ka tlholego ga ba tlhaloganye gore re bana ba One.
Bakaulengwe ba ba rategang, ga ke lo kwalele taolo e ncha gore lo e obamele, gonne ke taolo e kgologolo e lo ntseng lo na nayo ka malatsi otlhe go tswa tshimologong. Lotlhe lo sale lo e utlwile pele. Le fa go ntse jalo e ncha ka malatsi otlhe ebile e lo direla fela jaaka e ne e direla Keresete; mme fa re obamela taolo e, ebong go ratana, lefifi le a nyelela mo matshelong a rona, mme mo go rona go pha-tsime lesedi le lesha la botshelo la ga Keresete.
Go rata Modimo go dira se Modimo o re bolelelang gore re se dire, mme go bua boammaaruri, go dira jalo ga go thata gotlhelele;
Lorato lo pelotelele lo bile lo pelonomi, ga lo pelotshetlha kgotsa lefufa, ga lo ikgantshe kgotsa go ipelafatsa,
Expressões do amor de Deus
O Senhor nos ama com alegria e canta sobre nós. Queni a mim vem, amará; e quem me ama, o Pai o amará.
Ke bapotswe le Keresete: mme jaanong ga ke sa tlhole ke tshela, mme Keresete o tshela mo go nna. Mme botshelo tota jo jaanong ke nang najo mo mmeleng o, ke ka ntlha ya go ikanya Morwa Modimo, yo o nthatileng a bo a iintshetsa setlhabelo.
Mme Modimo o humile kutlwelo botlhoko thata; o re ratile thata, mo e leng gore le fa re ne re sule mo moweng ebile re atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa rona, o ne wa re busetsa matshelo a rona fa o tsosa Keresete mo baswing fela ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya One e e neng e sa re tshwanela, re ne ra bolokelwa ruri,
A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. A lorato lwa Modimo le botsa-lano jwa Mowa O O Boitshepo e nne tsa lona.
A Morena a lo gogele mo go tlhaloganyeng masaitsiweng a lorato lwa Modimo le kaga bopelotelele jo bo tswang kwa go Keresete.