Bom ânimo
Tende bom ânimo! Jesus repetiu estas palavras aos seus discípulos em meio às tempestades. No mundo tereis aflições, mas Ele já venceu o mundo — e nos dá coragem para enfrentar tudo.
Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe."
Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone.
gonne ke ka dira sengwe le sengwe se Modimo o batlang ke se dira ka thuso ya ga Keresete yo o nnayang thata le nonofo.
Mme Jesu ka bofefo a bua nabo a ba nametsa. A re, "Ke nna se boifeng!"
gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, "Go siame, se boifeng! Ke nna."
Hong Jesu a mo raya a re, "Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso."
Jaanong re lebeletse ka boikanyego mebele ya rona ya selegodimo, re lemoga gore nako nngwe le nngwe e re e senyang mo mebeleng e eya selefa-tshe ke nako e e senyegileng mo legaeng la rona la bosakhutleng kwa legodimong le Jesu.
Mme jaanong nametsegang! Gonne ke dumela Modimo! Go tlaa nna fela jaaka o buile!
Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.
Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano.
Gonne ke tlhologeletswe go lo etela gore ke tle ke kgone go lo naya tumelo e e tlaa thusang phuthego ya lona go nitama mo Moreneng. Fela jalo le nna, ke tlhoka thuso ya lona, gonne ga ke batle fela go abalana tumelo ya me le lona le nna ke tlhoka go kgothadiwa ke tumelo ya lona. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa nna tshegofatso mo go yo mongwe.
Ke gone ka moo re sa kgobegeng marapo. Le fa mebele ya rona e e swa, go nonofa ga rona kafa teng mo Moreneng, go gola letsatsi le letsatsi.
Ke gone kgothatsanang lo agane, fela jaaka lo setse lo dira.
Jalo re gomotsegile thata, bakaulengwe ba ba rategang, mo matshwenyegong otlhe a a re pitlaganyeditseng le mo pogisegong kwano, mme e re ka re itse gore lo eme ka boammaaruri mo Moreneng,