Publicidade

O que é bom

Por Bíblia Online

O que é bom vem de Deus. A Bíblia celebra a bondade divina e nos convida a discernir, praticar e desfrutar tudo o que é bom — porque toda boa dádiva vem do Pai das luzes.

Le fa go ntse jalo, lemoga gore molao ka bo one o ne o siame ebile o le molemo.

Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng.

Se dire sepe se se tlaa go iteisang letswalo le fa tota o itse gore se o se dirang se tlhamaletse.

Tsela ya go direla

Mme dikgakololo tsa me ke tse: Rapele lang ba bangwe thata; ba kopeleng kutlwelo botlhoko ya Modimo; lebogelang tsotlhe tse o tlaa di ba direlang.

Ka yone tsela e, rapelelang dikgosi le botlhe ba ba nang le taolo mo go rona kgotsa ba maemo a a kwa godimo, gore re tle re tshele ka kagiso le kutlwano, re dirisa nako ya rona mo botshelong jwa Semodimo mme re akanya go le gontsi ka Morena. Se, se molemo ebile se itumedisa Modimo Mmoloki wa rona,

gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se siame, mme re ka se ja ka boitumelo fa re se itumelela, le fa re kopa Modimo go se segofatsa, gonne se siamisiwa ke Lefoko la Modimo le thapelo.

Mme le fa e le eng se se molemo ebile se itekanetse se tla kwa go rona se tswa kwa Modimong Motlhodi wa lesedi lotlhe, mme o phatshimela ruri ka bosakhutleng go sena phetogo epe kgotsa moriti.

"Letswai le le molemo, ga le na thuso fa le latlhegelwa ke molodi, ga le ka ke la loka sepe. Se latlhegelweng ke molodi wa lona! Nnang kagiso mo go ba bangwe."

Seja o primeiro
Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-29_22-07-56-