Casal
O casal cristão é parceria abençoada por Deus. Juntos são mais fortes. O amor mutual, a paciência e a submissão ao Senhor são os pilares do casamento que honra a Deus.
Unidos em Cristo
Eu e minha casa serviremos ao Senhor. O vínculo perfeito é o amor que tudo suporta e tudo espera.
Lorato lo pelotelele lo bile lo pelonomi, ga lo pelotshetlha kgotsa lefufa, ga lo ikgantshe kgotsa go ipelafatsa, ga lo ikgodise kgotsa ga lo ikgapele ebile ga lo makgakga. Lorato ga lo batle tsela ya lone fela. Ga lo rumolesege kgotsa go amega. Ga lo tshole ka pelo ebile ga lo nke lo tlhokomela le fa ba bangwe ba lo direla phoso. Ga lo ko lo itumelela tshiamololo mme lo itumelela boammaaruri ka nako tsotlhe. Fa o rata yo mongwe o tlaa nna le boammaaruri mo go ene go sa re sepe gore go a reng. O tlaa aga o dumela mo go ene, o solofela tse di molemo mo go ene, ebile o mo femela ka gale ka boammaaruri.
Mme mo godimo ga dilo tsotlhetse, a lorato lo goge botshelo jwa lona gonne ka go dira jalo, phuthego e tlaa nna mmogo ka kutlwano e e boitekanelo.
A kagiso e e tswang kwa go Keresete e nne mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona ka malatsi otlhe, gonne mo ke tiro ya lona le tshwa-nelo ya lona jaaka lo le ditokololo tsa mmele wa gagwe. Lo nne lo leboge Morena ka malatsi otlhe.
Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang. Mme le fa e le eng se lo se dirang kgotsa se lo se buang, a se nne jaaka moemedi wa Morena Jesu, lo bo lo leboge Modimo Rara ka ene.
Mme mo godimo ga dilo tsotlhetse, a lorato lo goge botshelo jwa lona gonne ka go dira jalo, phuthego e tlaa nna mmogo ka kutlwano e e boitekanelo.
Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo.
gore monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe mme a ngaparele mosadi wa gagwe. Mme bobedi jo bo tlaa nna bongwe fela, e sa tlhole e le bobedi, mme ele bongwe fela! a go se nne ope yo o kgaoganyang se Modimo o se kopantseng".
Mme ke gone go seng ope yo o tshwanetseng go kgaoganya se Modimo o se kopantseng."
O projeto divino
Não é bom que o homem esteja só. Dois são melhores do que um — e o cordão de três dobras não se rompe facilmente.
Amor conjugal
Maridos, amai vossas mulheres. A mulher virtuosa é achada de Deus. Cresçam juntos em graça e verdade.
Mme lona banna ba lo nyetseng, supang lone lorato lo mo basading ba lona jaaka Keresete a lo supile mo phuthegong fa a e swela,
Ke yone tsela e banna ba ba nyetseng ba tshwanetseng go tshola basadi ba bone ka yone, ba ba rata jaaka ditokololo tsa mebele ya bone. Gonne ka monna le mosadi wa gagwe jaanong ba le motho a le mongwe fela, monna o itirela tlotlo ebile o a ithata fa a rata mosadi wa gagwe. Ga go ope yo o ilang mmele wa gagwe mme o o tlhokomela ka lorato, fela jaaka Keresete a tlhokomela mmele wa gagwe ebong phuthego, e re leng ditokololo tsa yone.
Boammaaruri jwa gore monna yo o nyetseng le mosadi wa gagwe ba mmele o le mongwe fela bo supiwa ke Lokwalo lo lo reng, "Monna o tshwanetse go tlogela rraagwe le mmaagwe fa a nyala, gore a tle a lomagane sentle le mosadi wa gagwe, mme bobedi jo e tlaa nna bongwe fela."
Khutlisang go nna bohula, pelo e e maswe le go nna bogale. Go omana, mafoko a kgakalo le kilano di se ka tsa nna mo matshelong a lona.
Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete.
Khutlisang go akelana; buang boammaaruri, gonne mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya yo mongwe mme fa re akelana re ikutlwisa botlhoko. Fa o kgopisegile, se dire sebe ka go boloka kutlo botlhoko ya gago mo pelong. Se letle gore letsatsi le phirime o santse o kgopisegile gore o lebale ka bonako; gonne fa o tenegile o neela diabolo maitsetsepelo a magolo. Fa mongwe a utswa a a go bakele, a simolole go dirisa mabogo ao a gagwe mo tirong ya boikanyego, gore a tle a abele ba bangwe ba ba tlhokang. Se bue matlhapa. Bua fela se se molemo ebile se na le thuso mo go ba o buang nabo, le se se tlaa ba segofatsang.
Se futsafatseng Mowa O O Boitshepo ka tsela e lo tshelang ka yone. Gakologelwang, ke one o o supang kaga lona mo letsatsing leo fa poloko go tswa mo sebeng e tlaa bong e feletse. Khutlisang go nna bohula, pelo e e maswe le go nna bogale. Go omana, mafoko a kgakalo le kilano di se ka tsa nna mo matshelong a lona.
Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete.
Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona. Se akanyeng fela kaga dilo tse e leng tsa lona mme nnang le kgatlhego le mo go ba bangwe, le mo go tse ba di dirang.
Gonne jaanong rotlhe re bana ba Modimo ka tumelo mo go Jesu Keresete, ebile rona ba re kolobeditsweng go nna selo se le sengwe le Keresete, re mo apere. Ga re sa tlhole re le Bajuta kgotsa Bagerika kgotsa makgoba kgotsa batho ba ba golotsweng, kgotsa banna fela kgotsa basadi, mme re tshwana fela rotlhe, re Bakeresete; re bangwe fela mo go Keresete Jesu.
Tlotlang lenyalo la lona le maikano a lone, lo bo lo nne phepa; gonne ruri Modimo o tlaa otlhaya botlhe ba ba bosula kgotsa ba ba dirang boaka.
Lo se tlhakane le ba ba sa rateng Morena, gonne batho ba Modimo ba ka tlhakanela eng le baleofi? Lesedi le ka nna jang le lefifi?
Mme gakologelwang gore mo leanong la Modimo banna le basadi ba a tlhokana.