Pular para o conteúdo
Publicidade

Comunhão com os irmãos

Por Bíblia Online

A comunhão com os irmãos é marca da igreja verdadeira. Os cristãos primevos perseveravam na comunhão — partindo pão, orando e encorajando-se mutuamente.

Comunhão verdadeira

Perseveravam na doutrina dos apóstolos e na comunhão. A comunhão autêntica envolve amor sacrificial e acolhimento mútuo.

Kopano ya badumedi

Mme ba ba neng ba dumela thero ya ga Petere ba ne ba kolobediwa, e ne e ka nna batho ba le dikete tse tharo! Mme ba kopanela ditirelo tsa malatsi otlhe le badumedi ba bangwe, mo dithutong le mo selalelong sa Morena le mo dikopanong tsa merapelo. Mme poifo e kgolo e ne e le mo go bone botlhe, foo baaposetoloi ba dira dikgakgamatso tse dintsi.

Mme badumedi botlhe ba ne ba kopana ka nako tsotlhe ba abalana dilo tsotlhe tse ba nang natso, ba rekisa dithoto tsa bone ba di abela ba ba tlhokang. Ba ne ba obama mmogo ka nako tsotlhe mo Tempeleng, ba kgobokana ka ditlhophanyana mo malwapeng, ba a ja Selalelo sa Morena, gape ba tlhakanela le tsone dijo tsa bone ka boitumelo le ka tebogo e kgolo, ba baka Modimo. Ba be ba ratwa ke batho botlhe ba motse, mme Modimo wa ba okeletsa malatsi otlhe ka ba ba bolokwang.

Mme mo go dumalaneng le tsotlhe tse a re di diretseng, a re tlhotlheletsanyeng mo go thusanyeng le mo go nneng bopelonomi yo mongwe mo go yo mongwe le mo go direng bomolemo.

A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela.

Amor fraternal

Amai-vos com amor fraternal sincero. Encorajem-se mutuamente e carreguem os fardos uns dos outros.

Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe.

Itumeleleng go nna mo malapeng a lona le ba ba tlhokang dijo kgotsa marobalo.

Ratang ka lorato lwa sekaulengwe lo bo lo itumelelane mo go tlotlaneng.

Jesu o ne a ikokobeditse

A go na le sengwe se se tshwanang jaaka Bakeresete ba itumelelana? A lo nthata thata go batla go nthusa? A go raya sengwe mo go lona gore re bakaulengwe mo Moreneng, re tlhakanetse mowa o le mongwe fela? A tota dipelo tsa lona di bonolo le bopelotlhomogi?

Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela.

Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang.

Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete.

Gonne bakaulengwe, lo neetswe kgololesego: e seng kgololesego ya go dira bosula, mme e leng kgololesego ya go ratana le go direlana.

Ke gone kgothatsanang lo agane, fela jaaka lo setse lo dira.

Jalo fa re re re ditsala tsa one, mme re tswelela re nna mo lefifing la semowa le mo sebeng, re bua maaka. Mme fa re nna mo leseding la Modimo, fela jaaka Keresete a dira, hong re na le bolekane jo bo hakgamatsang le boitumelo yo mongwe mo go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa One a re tlhapisa mo boleong bongwe le bongwe.

Ke fetsa lokwalo lwa me ka mafoko a a bofelo. Itumeleng. Golang mo Moreneng. Tlhokomelang se ke se buileng. Nnang ka kutlwano le kagiso. A Modimo o o lorato le kagiso o nne le lona.

"Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, Ratanang fela jaaka ke lo ratile.

Seja o primeiro