Consequências dos nossos atos
Toda ação tem consequências. A Bíblia ensina que colhemos o que semeamos — para o bem e para o mal. Deus pesará cada palavra e ato no dia do juízo.
Colher o que semear
Cada um prestará contas de si mesmo a Deus. O Senhor julgará as obras e os segredos dos homens com justiça perfeita.
Ee, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela mo Modimong.
O tlaa naya mongwe le mongwe tuelo ka fa ditirong tsa gagwe. O tlaa naya botshelo jo bo sa khutleng ba ba dirang go rata ga Modimo ka bopelotelele, ba batla kgalalelo e e sa bonweng ka matlho le tlotlo le botshelo jo bo sa khutleng jo o bo abang. Mme o tlaa otlhaya setlhogo ba ba tlhabantshang boammaaruri jwa Modimo ba tsamaya mo ditseleng tse di bosula, bogale jwa Modimo bo tlaa ba wela godimo.
Go tlaa nna khutsafalo le pogisego mo Bajuteng le mo go Badichaba ba ba tswelelang ba dira boleo. Mme go tlaa nna kgalalelo le tlotlo le kagiso e tswa kwa Modimong e le tsa ba ba o reetsang, le fa e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba. Gonne Modimo o tsaya batho ka tekatekanyo.
Sebe sa ga Adamo se le sosi se lerile loso mo go ba le bantsi, fa Keresete a tlosa dibe tsotlhe a ba naya botshelo jo bo galalelang mo boemong jwa loso. Sebe sa monna yo a le nosi, ebong Adamo, se dirile loso go nna kgosi mo go botlhe, mme botlhe ba ba tlaa amogelang neo ya Modimo ya boitshwarelo le kgololo ke dikgosi tsa botshelo ka ntlha ya monna yo, a le nosi, ebong Jesu Keresete.
Go kgala ba bangwe
"Se sekiseng mme ga lo na go sekisiwa! Gonne ba bangwe le bone ba tlaa lo tsaya fela jaaka lo ba tsaya.
Mme ke lo bolelela se, gore lo tlamega go arabela lefoko lengwe le lengwe le lo le buang la boithamako ka letsatsi la katlholo.
Gonne le fa e le eng se Modimo o se re bolelelang se tletse nonofo e e tshedileng: se bogale thata go gaisa chaka e e bogale jo bo feteletseng e tlhabela ka bofefo mo teng teng ga megopolo ya rona le dikeletso le gotlhe ga tsone, e re senolela se tota re leng sone. O itse ka mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Sengwe le sengwe ka rona se apogile ebile se bulegetse thata matlho otlhe a a bonang a Modimo wa rona o o tshelang; ga go na sepe se Modimo o ka se fitlhelwang, One o re tshwanetseng go o tlhalosetsa tsotlhe tse re di dirileng.
Responsabilidade pessoal
Quem é sábio prevê o perigo e se esconde. A Palavra examina os pensamentos e intenções do coração.
Consequências inevitáveis
A terra deu seu fruto conforme as obras dos que nela habitam. Ninguém escapa do juízo — Deus pesa cada ação.