Coração puro
Bem-aventurados os puros de coração, porque verão a Deus. A pureza de coração é alvo, privilégio e busca constante do cristão que deseja contemplar a face do Senhor.
Coração puro
Bem-aventurados os puros de coração. A pureza interior precede toda transformação externa e abre os olhos para ver a Deus.
"Go sego ba ba pelo di itshekileng gonne ba tlaa bona Modimo.
Purificar-se
Todo o que tem essa esperança em Cristo se purifica. O amor procede de coração puro, boa consciência e fé sincera.
Mme mongwe le mongwe yo o dumelang se, ka botlalo, o tlaa leka go nna phepa gonne Keresete o phepa.
Ee, ditsala tse di rategang, re setse re le bana ba Modimo gone jaanong jaana, ebile ga re kake ra akanyetsa gore go tlaa nna jang kwa morago. Mme re itse se, gore fa a tla re tshwana nae, gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse. Mme mongwe le mongwe yo o dumelang se, ka botlalo, o tlaa leka go nna phepa gonne Keresete o phepa.
Se ke se tlhwaafaletseng ke gore Bakeresete botlhe koo ba tlale lorato lo lo tswang mo dipelong tse di itshekileng, le gore megopolo ya bone e nne phepa le tumelo ya bone e nonofe.
Tshaba sengwe le sengwe se se ka go nayang dikgopolo tse di bosula tse makawana gantsi ba nang le tsone, mme o nne gaufi le sengwe le sengwe se se go dirang gore o batle go dira tshiamo. Nna le tumelo le lorato, mme o nne botsalano le ba ba ratang Morena ebile ba na le dipelo tse di itshekileng.
Thapelo ya me ka lona ke gore lorato lwa lona lo oketsegele ba bangwe, lo bo lo gole mo kitsong ya semowa le mo temogong.
Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.
Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.
Mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, kgaoganang le go ngongorega le go ganetsanya, gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe, lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.
Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe.