Publicidade

Coração quebrantado

Por Bíblia Online

Deus está perto dos que têm o coração quebrantado. A Bíblia consola os aflitos: o sacrifício que Deus aceita é o espírito quebrantado e um coração contrito — jamais desprezará.

A ba raya a re, "Go sego ba ba ingotlang gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone. Go sego ba ba lelang gonne ba tlaa gomodiwa.

"Go sego ba ba bonolo gonne lefatshe lotlhe ke la bone.

Gonne ka dinako tse dingwe Modimo o dirisa bofutsana mo matshelong a rona go re thusa go ikwatlhaela sebe le go batla botshelo jo bosakhutleng. Re se ka ra utlwa botlhoko ka go bo romela ga one. Mme bohutsana jwa motho yo o seng Mokeresete ga se bohutsana jwa boikwatlhao jwa boammaaruri ebile ga bo kake jwa kganela loso lo lo sa khutleng.

Bonang fela gore bo-molemo jwa khutsafalo e e tswang mo Modimong bo lo diretse go le kae! Ga lo tlhole lo kgotha magetla a lona mme lo ne lwa tlhwaafala lwa ba lwa ikanyega, lwa ba lwa tlhwaafalela thata go tlogela boleo jo ke lo kwale-tseng kaga jone.

Nako le nako a re, "Nnyaa. Ke na nao, ke gone gotlhe mo o go tlhokang. Nonofo ya me e supiwa sentle mo bathong ba ba bokoa". Jaanong ke itumelela go ipelafatsa ka bokoa jwa me; ke itumelela go nna sekao se se tshelang sa nonofo ya ga Keresete, mo boemong jwa go supa nonofo e e leng ya me, le tse ke ka di dirang.

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-22_10-02-25-