Publicidade

Coragem

Por Bíblia Online

A coragem cristã não é ausência de medo — é confiança em Deus maior que todo temor. Sê forte e corajoso! é o chamado repetido do Senhor aos seus filhos.

Sê forte e corajoso

O Senhor é a minha luz e a minha salvação — de quem terei medo? Com coragem enfrentamos o mundo, porque Deus está conosco.

Coragem em Cristo

Não vos deu Deus espírito de covardia. Sede fortes na fé! O perfeito amor lança fora todo medo.

Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone.

Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone.

Nnang lo itlhokometse mo matshwenyegong a semowa; emang ka boammaaruri mo Moreneng; dirang jaaka banna; lo nonofe;

Nnang lo itlhokometse mo matshwenyegong a semowa; emang ka boammaaruri mo Moreneng; dirang jaaka banna; lo nonofe;

Ga re a tshwanela go boifa motho yo o re ratang ka lorato lo lo itekanetseng, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo nyeletsa pelaelo yotlhe ka bosula jo re bo mo gopolelang go bo dira mo go rona, mme mo go supa gore ga re dumele ka botlalo gore o re rata e le ruri.

lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene.

gonne ke ka dira sengwe le sengwe se Modimo o batlang ke se dira ka thuso ya ga Keresete yo o nnayang thata le nonofo.

Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa "Rara, Rara."

Não temas

Não temas, porque Eu sou contigo. Quando tiver medo, em ti confiarei. Deus é nosso escudo e fortaleza.

Conforto e encorajamento

O Deus de toda consolação nos consola em todas as tribulações. Coragem não falta a quem descansa em Deus.

Kana re na le Modimo o o hakgamatsangjang, ke Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, motswedi wa kutlwelo botlhoko nngwe le nngwe, ene yo ka kgakgamatso o re gomotsang a bo a re nonotsha mo bothateng jwa rona le mo ditekong. Mme ke eng fa a dira jaana? Gore ba bangwe ba ba tshwenyegileng ebile ba tlhoka kutlwelo botlhoko ya rona le kgothatso, re ba fe thuso e e ntseng jaana le kgomotso e Modimo o e re neileng.

Mme khumo e ya botlhokwa, lesedi le, le nonofo e jaanong e phatshimang mo go rona, e tshotswe ka setsholo se se nyelelang, se e leng mebele ya rona e e bokoa. Mongwe le mongwe o ka bona gore nonofo ya kgalalelo e e mo go rona e tshwanetse ya bo e tswa kwa Modimong mme ga se ya rona.

Re pitlagantswe mo ntlheng tsotlhe ke ma-tshwenyego, mme ga go re dire sepe. Re akabetse ka gore ga re itse gore ke eng fa dilo di direga jaana, mme ga re kgobege marapo re tlogele. Re a tsongwa, mme Modimo ga o re latlhe. Re digelwa fa fatshe, mme re tsoge re tswelele pele.

Mebele e ya rona ka metlha yotlhe e lebaganye le loso fela jaaka wa ga Jesu Keresete o dirile; jalo go bonala sentle mo go botlhe gore ke Keresete yo o tshelang mo go rona (yo o re babalelang).

Ee, re tshelela mo kotsing ka metlha yotlhe mo matshelong a rona ka ntlha ya go direla Morena, mme se se re naya nako ka metlha go supela pele nonofo ya ga Jesu Keresete mo mebeleng ya rona e e swang.

Ikgogeng mo go rateng madi; itumeleleng se lo nang naso. Gonne Modimo o rile, "Ga ke kitla, ke go tlogela le fa e le go go latlha." Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, "Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang."

Mme ka metlha yotlhe ga go na ope yo o tlaa lo utlwisang botlhoko go batla gore lo dire tshiamo. Mme le fa ba tshwanetse, lo tshwanetse go fufegelwa, gonne Modimo o tlaa go lo duelela.

"Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa.

ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko, gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, "Go siame, se boifeng! Ke nna."

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-22_10-02-25-