Dar
Dar é princípio do Reino de Deus. Jesus deu tudo — até a própria vida. A Bíblia nos ensina que é mais bem-aventurado dar do que receber, e que Deus ama ao que dá com alegria.
Dar com alegria
Deus ama ao que dá com alegria. Dai e dar-se-vos-á. O generoso prospera e quem abençoa será abençoado.
Mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka fa o tshwanetseng go aba ka teng. Lo se pateletse ope go ntsha mo go ntsi go feta mo tota ene a batlang go go ntsha, gonne batho ba ba abang ka bopelontle ke bone ba Modimo o ba nayang dikgele,
Modimo o nonofile go lo direla ka go lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang le go feta moo, gore go se ka ga lekana le tse lo di tlhokang fela, gore go tle go sale go le gontsi mo go tlaa abelwang ba bangwe ka boitumelo.
Gonne Modimo, o o nayang molemi peo go lema, mme morago, o mo neye thobo e e siameng go ja, o tlaa nna o lo naya peo gore lo leme, ebile o tlaa e godisa gore lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona.
Ee, Modimo o tlaa lo naya go le gontsi gore le lona lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona, mme fa re isa dimpho tsa lona kwa go ba ba di tsholang ba tlaa thubega ka tebogo le pako mo Modimong ka ntlha ya thuso ya lona.
Fa tota lo tlhwaafaletse go aba, jalo ga go botlhokwa gore lo aba go le kae. Modimo o batla lo aba se lo nang naso, e seng se lo senang naso.
Gonne fa o aba, o tlaa bona! Mpho ya gago e tlaa go boela ka botlalo e bile e le selekanyo se se tshologang, e papietswe e tshikintswe go direla tse dingwe photlha, e bile e penologa. A e ka bo e le selekanyo sefe se o se dirisang se se tona kgotsa se se nnye se tlaa dirisiwa go lekanya se se go boelang."
Princípios de generosidade
Honra ao Senhor com as tuas primícias. Não negues o bem a quem o merece. A alma generosa prosperará.
O ensino de Jesus
Quando deres esmola, não toque a trombeta. A generosidade do coração importa mais que a grandeza do donativo.
Fa o naya mokopi mpho, se bue kaga yone mo mpepeneneng jaaka baitimokanyi ba dira: ba letsa ditorompeta mo dikerekeng le mo mebileng ya motse gore ditiro tsa bone tsa lorato di tle di bonwe! Ke a lo bolelela ka pelo yotlhe, ba setse ba amogetse tuelo yotlhe, e ba neng ba tlaa e bona.
Mme fa o direla mongwe tshiamo, ka sephiri, se bolelele lebogo la gago la molema se se dirwang ke lebogo la moja. Mme Rraeno yo o itseng diphiri tsotlhe o tla go duela.
"Fodisang ba ba lwalang, tsosang baswi, fodisang balepero, lo bo lo kgoromeletse mewa e e maswe kwa ntle. Nayang fela jaaka lo amogetse fela.
Jesu a mo raya a re, "Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago."
Naya se o nang naso yo o se kopang; mme fa dilo di tshotswe mo go wena, se tshwenyege ka gore di boe.
Fa ke abetse bahumanegi sengwe le sengwe se ke nang naso, le fa e le gore ke tshubetswe go rera Mafoko a a Molemo, mme ke ne ke sa rate ba bangwe, go ka bo go sena molemo ope.