Doença
A doença é realidade humana que a Bíblia confronta com compaixão e poder. Jesus curou toda enfermidade e prometeu ouvir a oração da fé pelos enfermos.
Jesus, o curador
Jesus percorreu toda a Galileia curando toda enfermidade e doença entre o povo. Pelo seu nome, curas continuam acontecendo.
Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse.
"Fodisang ba ba lwalang, tsosang baswi, fodisang balepero, lo bo lo kgoromeletse mewa e e maswe kwa ntle. Nayang fela jaaka lo amogetse fela.
"Fodisang ba ba lwalang, tsosang baswi, fodisang balepero, lo bo lo kgoromeletse mewa e e maswe kwa ntle. Nayang fela jaaka lo amogetse fela.
Mo maitseboeng ao batho ba le bantsi ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ba leriwe kwa go Jesu; mme ya re a bua lefoko le le lengwe; mewa e e maswe yotlhe ya sia; mme botlhe ba ba neng ba lwala ba fola. Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, "O na a tsaya malwetse a rona, a rwala dipobolo tsa rona."
"Ke ne ke sa apara mme lwa nkapesa; ke ne ke lwala ka ba ka nna mo kgolegelong, mme lwa tla go ntlhola.’
"Hong basiami ba tlaa fetola ba re, ‘Morena re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala mme ra go fa dijo? Kgotsa o nyorilwe mme ra go nosa? Kgotsa o le moeng mme ra go thusa? Kgotsa o sa apara mme ra go apesa? Re kile ra go bona leng o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra go etela?’
"Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela!
Erile fa Jesu a utlwa se ba neng ba se bua, a ba raya a re, "Batho ba ba lwalang ke bone ba ba batlang ngaka, e seng ba ba itekanetseng! Ga ke a tla go sokolola basiami fa e se baleofi."
Fa lo amogelesega mo motseng lo se ka lwa tlhatlologanya malwapa, lo nne mo lefelong le le lengwe, lo o ja lo o nwa se lo tlaa bong lo se newa kwa ntle ga potso epe. Mme lo se ka lwa etsaetsega ka go amogelesega mo motseng, fa lo amogelesega mo motsing, lo latele ditaolo tse pedi tse: jang sengwe le sengwe se lo se fiwang. Fodisang balwetse; mme e re fa lo ba fodisa lo ba reyeng lo re ‘Bogosi jwa Modimo bo gaufi le lona thata gompieno.’
Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe. Hong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse.
Promessas de cura
Eu sou o Senhor que te sara. As Escrituras prometem cura para o corpo e para a alma aos que confiam em Deus.
Tsala e e rategang, ke rapelela gore o segofale mo dilong tsotlhe le gore mmele wa gago o itekanele fela jaaka ke itse ka fa mowa wa gago o itekanetseng ka teng.
Oração pelos doentes
A oração da fé salvará o enfermo. Confessai as ofensas uns aos outros e orai uns pelos outros para serdes curados.
A mongwe o a lwala? O tshwanetse go bitsa bagolwane ba phuthego mme ba mo rapelele ba bo ba mo tshele lookwane ba kope Morena go mo fodisa. Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela.
A mongwe o a lwala? O tshwanetse go bitsa bagolwane ba phuthego mme ba mo rapelele ba bo ba mo tshele lookwane ba kope Morena go mo fodisa. Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela.
Ipolelaneng ditlolo mme lo rapelelane gore lo tle lo fodisiwe. Thapelo ya mosiami e e tlhomameng e na le nonofo e kgolo le maungo a mantle.
Ke tlaa bua se: ka ntlha ya gore maitemogelo a ke nang nao a magolo thata, Modimo o ne o tshaba gore a ka nkgogomosa; jalo ke ne ka nna le bolwetse jo e neng e le mutlwa mo nameng ya me, morongwa wa ga Satane go ntlhokofatsa le go ntshwenya, a bo a tlhaba boikgantsho jwa me. Mo makgethong a mararo ke ne ka rapela Modimo go mphodisa.
Nako le nako a re, "Nnyaa. Ke na nao, ke gone gotlhe mo o go tlhokang. Nonofo ya me e supiwa sentle mo bathong ba ba bokoa". Jaanong ke itumelela go ipelafatsa ka bokoa jwa me; ke itumelela go nna sekao se se tshelang sa nonofo ya ga Keresete, mo boemong jwa go supa nonofo e e leng ya me, le tse ke ka di dirang. E re ka ke itse gore gotlhe mo go kgatlha Keresete, ke itumela thata kaga "mutlwa" o o mo nameng ya me, le kaga ditlhapa le mathata, dipogiso le matshwenyego; gonne fa ke le bokoa, jalo ke nonofile, ka nonofo e potlana e ke nang nayo, ke nna ke mo ikanya thata.
Esperança na aflição
Ele tomou sobre si as nossas enfermidades. Mesmo na doença, o coração alegre serve de bom remédio e Deus dá esperança.
ntswa ke ne ke lwala fa ke simolola go lo rerela Mafoko a a Molemo a ga Keresete. Mme le fa bolwetse jwa me bo ne bo lo tena, ga lo a ka lwa nkgana lwa nteleka. Nnyaa, lo ne lwa nkamogela lwa ba lwa ntlhokomela jaaka ekete ke moengele yo o tswang kwa Modimong, kgotsa Jesu Keresete ka sebele.
(Mme mo ga go reye gore o tlogele go nwa mofine gotlhelele. O tshwanetse go nwa go le gonnye e le molemo wa mala a gago gonne o aga o lwala).
O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, kgotsa bohutsana kgotsa selelo kgotsa kutlobotlhoko. Tsotlhe di nyeleletse ruri."