Esperar no Senhor
Esperar no Senhor é ato de fé e confiança. A Bíblia promete que os que esperam em Deus renovam as forças, recebem direção e experimentam a fidelidade divina no tempo certo.
Renovar as forças
Os que esperam no Senhor renovam as forças. Sobem como águias, correm e não se cansam, caminham e não se fatigam.
Espera paciente
Esperei com paciência no Senhor e Ele se inclinou para mim. Confie nele e descanse — Ele agirá no tempo certo.
Confiança e perseverança
Confie no Senhor de todo o coração. Sede pacientes na tribulação — o Senhor é fiel e cumprirá todas as suas promessas.
Le rona re ka itumela, fa re tsena mo matha-teng le mo melekong gonne re itse gore mathata a re siametse, a re thusa go ithuta go nna pelotelele. Mme bopelotelele bo tlhogisa boitshwaro jo bo nonofileng mo go rona, ebile bo re thusa go ikanya Modimo thata mo nakong nngwe le nngwe fa re bo dirisa go fitlhelela lwa bofelo tsholofelo ya rona le tumelo di nonofa di bo di dira ka boiketlo le kelotlhoko di sa reketle.
Re rapelela gape gore lo tladiwe ka nonofo ya one e kgolo e e galalelang gore lo tle lo kgone go tswelela pele le go le mathata, lo tletse boitumelo jwa Morena ka metlha yotlhe,
Ke lona bagaetsho, bakaulengwe ba ba rategang, ba lo letetseng go bowa ga Morena, nnang pelotelele, jaaka molemi yo o letelang go fitlhelela letlhabula fa thobo ya gagwe ya botlhokwa e butswa. Ee nnang, pelotelele. Lo bo lo kgothale, gonne go tla ga Morena go gaufi.
Re itse ka fa ba itumelang ka teng jaanong gonne ba ne ba le boammaruri mo go ene ka nako eo, le fa ba ne ba go bogela thata. Jobe ke sesupo sa motho yo o neng a tsweletse a ikanya Morena mo matshwenyegong; mo maitemogelong a gagwe re bona ka fa leano la Modimo le neng la felela ka bomolemo ka teng, gonne Morena o tletse bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko.
Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe. Gonne lo na le botshelo jo bosha. Ga lo a bo newa ke batsadi ba lona, gonne botshelo jo ba neng ba lo bo neile bo tlaa nyelela. Jo bosha jo bo tlaa nna ka bosakhutleng. Ee, botshelo jwa rona jwa tlholego bo tlaa nyelela jaaka bojang fa bo nna bosetlha bo omelela. Bogolo jwa rona jotlhe bo tshwana le sethunya se se kgolegang se bo se wela fa fatshe; mme Lefoko la Morena le tlaa nna ka bosakhutleng. Le molaetsa wa gagwe ke Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.
Tota ga o bonya kaga tsholofetso ya One ya go bowa, ntswa ka nako tse dingwe go tle go bonale go ntse jalo. Mme o letile, ka mabaka a a utlwalang gore ga o batle ope a nyelela, mme o naya baleofi lobaka lwa go ikwatlhaya.
"Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwants-hiwa ka polelo ya makgarebana a a some a a neng a tsaya dipone tsa one a ya go kgatlhantsha monyadi. Mme ba le batlhano fela ba bone ba ne ba nna botlhale go tlatsa dipone tsa bone lookwane, fa ba bangwe ba batlhano ba ne ba dira boeleele ba lebala go dira jalo.
"Mme ya re monyadi a diega, ba nna fa fatshe go itapolosa go fitlhelela bosigogare fa ba thantshiwa ke mokgosi o o reng, ‘Monyadi o e tla! Tswelang kwa ntle lo mo amogeleng.’
"Basetsana botlhe ba phaphama ba baakanya dipone tsa bone. Mme, ba batlhano ba ba neng ba sena lookwane ba kopa ba bangwe go ba thelela lookwane gonne dipone tsa bone di ne di tima.
"Mme ba bangwe ba fetola ba re, ‘ga re na lookwane lo lo lekanyeng. Tsamayang lo ye kwa mabentleleng lo ye go ithekela.’
"Mme ya re ba sa ntse ba tsamaile monyadi a goroga mme ba ba neng ba ipaakantse ba tsena nae mo modirong wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa. Morago fa ba bangwe ba batlhano ba boa, ba nna kwa ntle ba bitsa ba re, ‘Morena Morena, re bulele!’
"Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’
"Jalo nnang lo itisitse lo ipaakantse, gonne ga lo itse letsatsi kgotsa lobaka lwa go boa ga me."