Pular para o conteúdo
Publicidade

Estudar a Bíblia

Por Bíblia Online

Estudar a Bíblia é mergulhar na mente de Deus. A Palavra é lâmpada para os pés, espada do Espírito e alimento para a alma. O cristão que estuda cresce em sabedoria e maturidade.

A importância do estudo

Os bereanos eram mais nobres porque examinavam as Escrituras diariamente. Estudar a Bíblia é mandamento e privilégio.

Mme batho ba Berea ba ne ba tlhaloganya go na le ba ba kwa Thesalonika, ba ne ba reetsa molaetsa ka boitumelo. Ba ne ba batlisisa mo dikwalong letsatsi le letsatsi go bona gore a se se builweng ke Paulo le Silase ke Boammaaruri.

Dira thata gore Modimo o tle o go reye o re, "O dirile sentle." Nna modiri yo o siameng, yo o sa tlhokeng go tlhabiwa ke ditlhong fa Modimo o tlhatlhoba tiro ya gago. Itse se Lefoko la One le se buang le se le se rayang.

O itse sentle, gore erile o sa le mmotlana, o ne wa rutwa Dikwalo tse di boitshepo; mme ke tsone tse di go tlhalefesitseng go amogela poloka ya Modimo ka go ikanya Jesu Keresete. Baebele yotlhe re e neetswe ka tlhotlheletso ya Modimo gape e botlhokwa go re ruta se e leng boammaaruri le go re lemotsha se se sa siamang mo matshelong a rona; e a re tlhamalatsa ebile e re thusa go dira tshiamo. Ke tsela ya Modimo ya go re siamisa mo dilong tsotlhe, gore re felele mo go direleng batho botlhe tshiamo ka botlalo.

Go fitlhelela ke tsena koo, bala o bo o tlhalosetse phuthego Dikwalo; rera Lefoko la Modimo.

Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme dikwalo di raya nna!

Meditar e guardar

Não se aparte a lei do Senhor da tua boca. Medita nela de dia e de noite para que cumpras tudo o que nela está escrito.

Estudo diligente

Esdras preparou o coração para buscar e ensinar a lei. O estudo exige disciplina, constância e coração aberto.

Proteção e crescimento

Quem ignora a Palavra perece. Toda Escritura é útil — crescei na graça e no conhecimento do nosso Senhor.

Jesu a araba a re, "Molato wa lona ke gore ga lo itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo.

Dilo tse, tse di neng di kwadilwe mo Dikwalong bogologolo di tshwanetse go re ruta bopelo-telele le go re kgothatsa, gore re tle re tlhome mogopolo kwa pele re solofetse nako ya fa Modimo o tlaa bong o fenya sebe le loso.

Ke lo tlhagisa pele ga nako, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tle lo itlhokomele lo se ka lwa tsewa ke diphoso tsa batho ba ba bosula ba, e se re kgotsa lwa etsaetsega lwa tlhakana nabo.

Mme golang mo nonofong ya semowa lo itsanye sentle le Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete. A mo go ene go nne kgalalelo yotlhe le boitumelo jwa tlotlo, go tloga fano le ka bosakhutleng. Salang sentle.

Ke nna,

Petere.

Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng? Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.

Seja o primeiro