Publicidade

Irmãos

Por Bíblia Online

A comunhão entre irmãos é marca da igreja verdadeira. A Bíblia nos chama a amar uns aos outros como Cristo nos amou — com perdão, encorajamento e cuidado mútuo.

Amor fraternal

Um novo mandamento vos dou: que vos ameis uns aos outros. Nisto conhecerão que sois meus discípulos — pelo amor entre vós.

"Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’ Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me."

Ditsala tse di rategang, a re itlwaetseng go ratana, gonne lorato lo tswa kwa Modimong mme ba ba ratang ebile ba le pelonomi ba supa gore ke bana ba Modimo, le gore ba simolola go o tlhaloganya botoka.

Fa mongwe a re, "Ke rata Modimo," mme a tswelela ka go ila mogagabo ke moaki; gonne fa a sa rate mogagabo yo o mmonang ka matlho, o ka rata jang Modimo o a iseng a ke a o bone?

Mme le fa e le mang yo o ratang Mokeresete ka ene o "tsamaya mo leseding" ebile o ka bona tsela ya gagwe a sa kgopiwe mo lefifing le mo boleong.

Fa o dumela gore Jesu ke Keresete, gore ke Morwa Modimo le gore ke Mmoloki wa gago, jalo o ngwana wa Modimo. Mme botlhe ba ba ratang Rara ba rata le bana ba gagwe.

Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe.

Comunhão e edificação

Não abandoneis a congregação. Encorajem-se mutuamente, cantem juntos e instruam-se na Palavra de Cristo.

A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela.

Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang.

Itlwaetseng thata go buisanya ka Morena, lo buisanya ka dipesalema le difela lo bo lo opela dipina tsa semowa, lo opelela Morena mo dipelong tsa lona.

Perdão e reconciliação

Se o teu irmão pecar contra ti, vai e repreende-o a sós. O perdão e a reconciliação preservam a unidade do corpo de Cristo.

"Fa wa gaeno a go leofela, ya kwa go ene ka sephiri go mo kaela molato o. Fa a reetsa a ba a ipona phoso, o gapile wa gaeno. Fa a gana, ke gone tsaya mongwe kgotsa ba le babedi lo boele go ene gape, go tlhomamisa sengwe le sengwe se o se buang ka bone basupi ba.

"Fa wa gaeno a go leofela, ya kwa go ene ka sephiri go mo kaela molato o. Fa a reetsa a ba a ipona phoso, o gapile wa gaeno. Fa a gana, ke gone tsaya mongwe kgotsa ba le babedi lo boele go ene gape, go tlhomamisa sengwe le sengwe se o se buang ka bone basupi ba. Mme fa a sa ntse a gana go reetsa, isa ngongorego ya gago kwa phuthegong, mme fa katlholo ya phuthego e dumalana nao mo kgannyeng e, mme ene a sa dumalane, phuthego e tshwanetse go mo kgaola. Mme ke lo bolelela se, le fa e le eng se lo se bofang mo lefatsheng se bofiwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se lo se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bofololwa kwa legodimong.

"Gape ke lo bolelela se, fa ba le babedi ba lona fano mo lefatsheng ba dumalana kaga sengwe se lo se kopang, Rara yo o kwa legodimong o tlaa se lo direla.

"Gonne kwa bobedi kgotsa kwa boraro bo phuthegelang teng ka ntlha ya gore ke ba me, ke tlaa bo ke le gone tota fa gare ga bone."

Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri."

"Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela!

Mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Modimo ke nnake, ke kgaitsadiake, ke mme."

O se ka wa gakalela motho yo o godileng, mme o mo kope ka maitseo fela jaaka fa e ka bo e le rrago. Buisa makau fela jaaka bo mogoloo ba o ba ratang thata.

O tseye basadi ba ba godileng jaaka bommago, le basetsana jaaka bokgaitsadiyo, o akanye megopolo e e itshekileng fela ka bone.

Mme mongwe le mongwe yo o se kitlang a tlhokomela ba gagabo fa ba tlhoka thuso, bogolo thata ba ntlo ya gagwe, ga a na tshwanelo ya go ipitsa Mokeresete. Motho yo o ntseng jalo o maswe go feta moheitane.

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-20_17-16-08-