O juízo final
O juízo final é a conclusão da história humana. Todos os seres humanos comparecerão diante do trono de Deus para o julgamento eterno — os salvos para a vida, os ímpios para a condenação.
O grande trono branco
Vi um grande trono branco e os mortos diante de Deus. Os livros foram abertos e cada um foi julgado segundo as suas obras.
Mme ka bona setilo sa bogosi se segolo se se sweu le yo o se ntseng, yo lefatshe le legodimo di neng tsa tshaba sefatlhogo sa gagwe, mme tsa tlhoka fa di iphitlhang teng. Mme ka bona baswi, ba bannye le bagolo, ba eme fa pele ga Modimo mme dikwalo tsa bo di butswe, mmogo le Lokwalo lwa Botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa ka fa dilong tse di neng di kwadilwe dikwalong, mongwe le mongwe ka fa ditirong tse o di dirileng. Mme mawatle a ntsha baswi ba ba mo go one; mme lefatshe le bobipo tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone. Mongwe le mongwe a atlholwa ka fa ditirong tsa gagwe. Mme loso le molete tsa latlhelwa mo lecheng la molelo. Se ke loso lwa bobedi, ebong lecha la molelo. Mme fa leina la mongwe le ne le sa fitlhelwe le kwadilwe mo Lokwalong lwa Botshelo, o ne a latlhelwa mo lecheng la molelo.
"Bonang, ke e tla ka bonako, mme ke tshotse tuelo ya me, go duela mongwe le mongwe ka fa ditirong tse a di dirileng.
"Bonang, ke e tla ka bonako, mme ke tshotse tuelo ya me, go duela mongwe le mongwe ka fa ditirong tse a di dirileng.
"Ke nna, Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo, wa Ntlha le wa Bofelo.
Preparação para o juízo
Deus estabeleceu um dia para julgar o mundo com justiça. Arrependei-vos, porque o juízo se aproxima e cada palavra será pesada.
Gonne o tlhophile letsatsi la go sekisa lefatshe ka tshiamo ka monna yo o mo losong."
Mme ke lo bolelela se, gore lo tlamega go arabela lefoko lengwe le lengwe le lo le buang la boithamako ka letsatsi la katlholo.
"Mafoko a lona a supa se se tlaa lo diragalelang ka nako eo: lo ka nna lwa siamisiwa kgotsa lwa sekisiwa ka one."
"Mme fa nna Morwa Motho ke tla mo kgalalelong ya me, le baengele botlhe ba na le nna, ke tlaa nna mo setulong sa me sa kgalalelo. Mme dichaba tsotlhe di tlaa phuthelwa fa pele ga me. Mme ke tlaa kgaoganya batho jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipudi; Ke baya dinku ka fa lebogong le legolo, dipudi ka fa go la molema.
"Mme fa nna Morwa Motho ke tla mo kgalalelong ya me, le baengele botlhe ba na le nna, ke tlaa nna mo setulong sa me sa kgalalelo. Mme dichaba tsotlhe di tlaa phuthelwa fa pele ga me. Mme ke tlaa kgaoganya batho jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipudi; Ke baya dinku ka fa lebogong le legolo, dipudi ka fa go la molema.
"Hong nna Kgosi ke tlaa raya ba ba ka fa lebogong la me le legolo ke re, ‘Tlang, basegofadiwa ba ga Rre mo Bogosing jo lo bo baakanyeditsweng go tsweng kwa tlholegong ya lefatshe. Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa mpha dijo; ke ne ka nyorwa mme lwa nnosa; ke ne ka nna moeng mme lwa ntaletsa mo malwapeng a lona;
"Ke ne ke sa apara mme lwa nkapesa; ke ne ke lwala ka ba ka nna mo kgolegelong, mme lwa tla go ntlhola.’
"Hong basiami ba tlaa fetola ba re, ‘Morena re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala mme ra go fa dijo? Kgotsa o nyorilwe mme ra go nosa? Kgotsa o le moeng mme ra go thusa? Kgotsa o sa apara mme ra go apesa? Re kile ra go bona leng o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra go etela?’
"Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela! Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe. Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa seka lwa mpha dijo; ka nyorwa mme lwa seka lwa nneela le fa e le sepe go se nwa. Ka nna moeng mme lwa seka lwa ntshola; ke ne ke sa apara mme ga lo a ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo kgolegelong ga lo a ka lwa tla go ntlhola.’
"Hong ba tlaa fetola ba re ‘Morena, re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala kgotsa o tshwerwe ke lenyora kgotsa o le moeng kgotsa o sa apara kgotsa o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra se ka ra go thusa?’
"Mme ke tlaa araba ke re, ‘E rile fa lo gana go direla bakaulengwe ba ba botlana ba, lo no lo gana go direla nna.’
"Mme ba tlaa ya kwa kwatlhaong e e sa khutleng; mme basiami ba tla a ya mo botshelong jo bo sa khutleng."
Segurança em Cristo
Quem crê no Filho tem a vida eterna e não entra em juízo. O amor de Deus é nosso refúgio diante do juízo vindouro.
Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.
Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Modimo ga o wa ka wa romela Morwa One go atlhola lefatshe, fa e se go le boloka.
"Ga go na tshekiso ya bosakhutleng e e emetseng ba ba mo ikanyang go ba boloka. Mme ba ba sa mo ikanyeng ba setse ba sekisitswe ebile ba atlhotswe ka ntlha ya go sa dumeleng mo go morwa Modimo yo o esi. Katlholo ya bone e itsetsepetse mo boammaaruring jo: gore Lesedi le le tswang kwa legodimong le tsile mo lefatsheng, mme ba rata lefifi go gaisa Lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.
Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona.
"Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong. Boleo jwa lefatshe ke go sa dumeleng mo go Nna; mme tshiamo e teng gonne ke ya kwa go Rara mme ga lo na go tlhola lo mpona gape; go na le go gololwa mo katlholong gonne kgosana ya lefatshe leno e setse e bile e atlhotswe.
Re itse gore Modimo o re rata go le kae gonne re ikutlwetse lorato lwa one, ebile re a o dumela fa o re bolelela gore o re rata thata. Modimo ke lorato, mme le fa e le mang yo o nnetseng ruri mo loratong o nnetse ruri mo Modimong le Modimo o nnetse ruri mo go ene. Mme ka re nna le Keresete, lorato lwa rona lo gola sentle thata ka boitekanelo; jalo he ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re swaba ka letsatsi la tshekiso, mme re tlaa lebagana nae ka tshepo le ka boitumelo, gonne o a re rata mme le rona re a mo rata.
Ga re a tshwanela go boifa motho yo o re ratang ka lorato lo lo itekanetseng, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo nyeletsa pelaelo yotlhe ka bosula jo re bo mo gopolelang go bo dira mo go rona, mme mo go supa gore ga re dumele ka botlalo gore o re rata e le ruri.
Gonne re tshwanetse rotlhe go ema fa pele ga ga Keresete go atlholwa le matshelo a rona go bewa mo pepeneneng fa pele ga gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa amogela sengwe le sengwe se se mo tshwanetseng sa dilo tse di molemo kgotsa tse di maswe tse o di dirileng mo mmeleng wa gagwe wa selefatshe.
Ammaaruri letsatsi le tlaa tla fa ka taolo ya Modimo, Jesu Keresete o tlaa atlholang masaitsiweng a mongwe le mongwe, maikutlo a bone a a kwa teng le maikaelelo a bone; se ke bontlha bongwe jwa leano la Modimo le legolo le ke lo le bolelelang.
Mme fela jaaka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, mme morago ga moo go tle tshekiso, fela jalo Keresete le ene o sule gangwe fela e le setlhabelo sa dibe tsa batho ba le bantsi; mme o tlaa tla gape, mme legale a sa tlele go dirana le dibe tsa rona. Jaanong o tlaa tla a lerile poloko kwa go botlhe ba ba mo letileng ka tlhwaafalo le bopelotelele.
Go tla ga gagwe ga go kitla go diega. Mme ba tumelo ya bone e ba siamisitseng mo ponong ya Modimo ba tshwanetse go tshela ka tumelo, ba o ikanya mo dilong tsotlhe. E seng jalo, fa ba gonyela, Modimo ga o kitla o ba itumelela.
Mme ga re ise re ke re furalele Modimo ra bo ra thibela tshenyego ya rona. Nnyaa, tumelo ya rona mo go One e tlhomamisa poloko ya mewa ya rona.
Jalo itlhokomeleng, lo se robale jaaka ba bangwe. Lebelelang go bowa ga gagwe lo bo lo nne boitekanelo.
Bosigo ke nako ya go robala le nako e batho ba tagwang ka yone. Mme a rona ba re nnang mo leseding re nne boitekanelo re sireleditswe ke thebe ya tumelo le lorato, mme re apare tsholofelo ya boitumelo ya poloko jaaka tlhoro ya itshireletso.
Gonne Modimo ga o a re tlhophela go tshololela bogale jwa One mo go rona, fa e se go re boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete.