Milagres de Jesus
Os Evangelhos registram dezenas de milagres realizados por Jesus — curas, ressurreições, domínio sobre a natureza e libertações. Cada milagre revelava sua divindade e compaixão.
Curas de cegos e surdos
Jesus devolveu a visão aos cegos e a audição aos surdos, manifestando seu poder sobre toda enfermidade e deficiência.
Ya re fa Jesu a tswa mo lwapeng lwa morweetsana, banna ba le babedi ba difofu ba mo sala morago ba goa ba re, "Ao Morwa Kgosi Dafide, re utlwele botlhoko."
Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, "A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?" Ba re, "Morena, re a dumela."
Hong a ama matlho a bone mme a re "Ka ntlha ya tumelo ya lona go tlaa diragala!" Mme ka tshoganetso ba foufologa! Jesu a ba laya gore ba seka ba itsise ope kaga selo seo, mme mo boemong jwa go dira jalo ba anamisa tumo ya gagwe gongwe le gongwe mo motsing.
E rile Jesu le barutwa ba tswa mo motseng wa Jeriko, bontsintsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago.
Banna ba le babedi ba difofu ba ne ba ntse fa thoko ga tsela mme e rile fa ba utlwa gore Jesu o e tla ba simolola go goa ba re, "Morena, Morwa Dafide, re utlwele botlhoko!"
Bontsintsi jwa batho jwa ba raya jwa re ba didimale, mme ba goela godimo go gaisa pele.
E rile a tla fa difofu di neng di le teng a ema mo tseleng a botsa a re, "Lo batla ke lo direlang?" Mme ba fetola ba re, "Morena re batla go bona!"
Jesu a ba utlwela botlhoko a ama matlho a bone. Mme ya re gone fela foo ba foufologa, ba mo sala morago.
Ya re ba fitlha mo Bethesaida, batho bangwe ba tlisa kwa go ene monna yo o foufetseng mme ba mo kopa gore a mo ame gore a fole. Jesu a tshwara monna yo o foufetseng ka letsogo a mo gogela kwa ntle ga motse, a mo kgwela mathe mo matlhong a bo a mmaya diatla. Jesu a mmotsa a re, "A o bona sengwe jaanong?"
Mme monna a leba mo tikologong a re, "Ee, ke bona batho. Mme ga ke ba bone sentle; ba lebega e ka re ke dithito tsa ditlhare di a tsamaya?"
Hong Jesu a mmaya gape diatla mo matlhong mme ya re a leba, a boelwa ke pono ya gagwe gotlhelele, mme a bona sengwe le sengwe sentle, se se neng se le mo tikologong ya gagwe.
Jesu a mo romela kwa gae kwa go ba ntlo ya gagwe. A mo raya a re, "O seka wa ya mo motseng pele."
Mme go tswa kwa Ture a tsamaya a ya Sidona, a boela kwa lewatleng la Galalea ka tsela ya metse e le lesome. Ga tlisiwa kwa go ene monna yo o neng a sa utlwe e le susu a bile a kwakwaetsa, mme botlhe ba kopa Jesu gore a beye diatla tsa gagwe mo monneng yoo go mo fodisa. Jesu a mo ntsha mo bontsing jwa batho a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe a ama loleme lwa monna yoo. Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a "Kabologe!" Ka bonako monna a simolola go utlwa sentle le go bua sentle ka tlhamalalo!
Mme Jesu a raya bontsi jwa batho a re ba seka ba bolelela ope, mme le fa a na a ba iditse jalo, bone ba ya ba bolela bogolo segolo. Gonne ba ne ba gakgametse ka se se diragetseng. Gangwe le gape ba re, "Sengwe le sengwe se o se dirang ke se se gakgamatsang; o kgona gore ba ba susu ba utlwe le ba ba kwakwaetsang ba bue!"
Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta.
Mme e rile fa Baratimaio a utlwa gore Jesu wa Nasaretha o gaufi a simolola go goa, a re, "Jesu Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!"
Mme batho bangwe ba mo kgalemela ba re, "Didimala!" Mme a goa segolo bogolo gangwe le gape a re, "Ao! Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!" Erile Jesu a mo utlwa a ema foo mo tseleng, mme a re, "Mo reyeng lo re a tle kwano." Hong ba bitsa monna wa sefofu. Ba re, "Heela wena yo o letlhogonolo, tla Jesu o a go bitsa."
Hong Baratimaio a apola seaparo sa gagwe se segologolo a se latlhela kwa thoko, a tlola a tla kwa go Jesu.
Jesu a mmotsa a re, "O batla ke go direla eng?" Monna wa sefofu a araba a re, "Moruti, ke batla go bona."
Jesu a mo raya a re, "Gotlhe go siame, go diragetse. Tumelo ya gago e go fodisitse." E rile gone fela foo monna wa sefofu a bona, a sala Jesu morago mo tseleng!
Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting. E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang? A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta.
Hong a simolola go goa a re, "Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!"
Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, "Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!"
E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, "Lereng monna yoo wa sefofu kwano." Hong Jesu a botsa monna a re, "O batlang"? A kopa a re, "Morena ke batla go bona!"
Jesu a mo raya a re, "Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!"
Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.
Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse. Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, "Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?" Mme Jesu a araba a re, "Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe. Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla. Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me."
Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng, mme a mo raya a re, "Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame" (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona!
Curas de paralíticos e enfermos
Paralíticos caminharam, leprosos ficaram limpos e todo tipo de doença foi curada pelo toque e pela palavra de Jesus.
Mme bonang! Molepero a atamela. A-khubama fa pele ga gagwe a obama a mo rapela a re, "Rra, fa o rata o ka mphodisa."
Mme Jesu a mo tshwara a mo raya a re "Ke a rata, fola." Mme gone fela foo lepero la nyelela. Mme Jesu a mo raya a re, "O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe."
Ka bofefo banna bangwe ba lere kwa go ene mosimane yo o teteselang a le mo phateng. Erile fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya mosimane yo o teteselang a re, "Nametsega ngwana, gonne ke go itshwaretse dibe!"
Mme bangwe ba baeteledipele ba tumelo ba gowa ba re, "O a tlhapatsa, Monna yo a re ke Modimo!"
Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, "Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana? A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? Mme jalo he, go supa gore ke na le thata fano mo lefatshing go itshwarela dibe." Jalo a retologela kwa mosimaneng yo o teteselang a mo raya a re, "Tsoga o phuthe phate ya gago o ye lwapeng."
Mme mosimane a nanoga a tsamaya!
Mme teng koo a bona monna yo o golafetseng seatla. Bafarasai ba botsa Jesu ba re, "A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?" (Tota ba ne ba solofetse gore o tlaa re, "Ee", gore ba tle ba mo tshware).
Hong Jesu a fetola a re; "Fa o ne o na le nku e le yosi fela, ya be e wela mo sedibeng go le Sabata, a o no o ka dira gore o e falotshe ka letsatsi leo? Ee tota o no o ka dira jalo. Mme motho o tlhwatlhwa-kgolo thata jang go feta nku! Ee go siame go dira tshiamo ka Sabata!" Mme a raya monna yoo a re, "Otlolola lebogo la gago." Mme ya re a le otlolola, seatla sa gagwe sa itekanela, fela jaaka se sengwe!
Mme e rile fa a tswa mo tempeleng, ene le barutwa ba gagwe ba tsena kwa ga bo Simone le Anterea, kwa ba fitlhetseng mogwagwadia Simone wa mosadi a namaletse mo bolaong a lwala bolwetse jwa letshoroma. Mme ya re fela ka bofefo ba bolelela Jesu ka gagwe.
A ya fa thoko ga bolao jwa gagwe, mme a mo kakatlolola gore a nne sentle, ka bofefo letshoroma la mo tlogela, mme a ema a ba baakanyetsa dijo!
Mme ka bofefo ga tla moleperwa a khubama fa pele ga gagwe a kopa gore a fodisiwe. A mo rapela a re, "Fa o rata o ka mphodisa."
Mme Jesu a mo utlwela botlhoko a mo ama a re, "Ke a rata! fola!" Ka bofefo leperwa la tloga, monna a fola!
Mme ya re a sa ntse a rera, banna ba le bane, ba goroga ba tshotse monna yo o suleng mhama a le mo lepareng. Mme ba palelwa ke go tsena kwa go Jesu ka ntlha ya bontsi jwa batho, hong ba rutlolola ntlo go lebagana le tlhogo ya gagwe, mme ba folosa molwetsi ka lepara, go lebagana sentle le fa pele ga ga Jesu.
Mme erile Jesu a bona kafa ba dumelang thata ka teng gore o tlaa thusa, Jesu a raya monna yo o lwalang a re, "Morwaaka, dibe tsa gago di itshwaretswe!"
Mme bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba ntse foo ba raana ba re, "Gatweng? Se ke tlhapatso! A o gopola gore ke Modimo? Gonne ke Modimo fela o o ka itshwarelang dibe."
Mme Jesu ka a ne a itsile ditlhaloganyo tsa bone a ba raya a re, "Ke eng fa se se lo tshwenya? A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? Mme jalo ke tlaa lo supegetsa, gore Nna, motho yo o tswang legodimong, ke itshwaretse monna yo dibe." Hong a retologela kwa monneng yo o suleng mhama a re, "O fodisitswe. Tsaya lepara la gago o ye gae!"
Mme monna a nanoga, a tsaya lepara a ralala batho ba ba neng ba mo lebeletse!
Erile Jesu a sa ntse a le mo Kaperanama a ya kwa Tempeleng gape, mme a bona teng monna yo o neng a omeletse letsogo.
Ka e ne e le letsatsi la Sabata, baba ba ga Jesu ba mo tlhoma matlho thata gore a o tlaa fodisa letsogo la monna yo? Fa a ne a ka dira jalo, ba ne ba ikaeletse go mo tshwara!
Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego.
Mme a retologela kwa babeng ba gagwe a ba botsa a re, "A go siame go dira ditiro tse di molemo ka malatsi a Sabata? Kgotsa a ke letsatsi la go utlwisa botlhoko? A ke letsatsi la go boloka matshelo kgotsa go a senya?" Mme ga ba ise ba ke ba mo arabe. Erile a ba leba ka kgalefo gonne o ne a tshwentswe ke go tlhoka kelotlhoko ga bone mo ditlhokong tsa batho, a raya monna a re, "Otlolola letsogo la gago." A le otlolola mme ka bofefo letsogo la gagwe la fola.
Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, "Morena, fa o rata o ka mphodisa."
Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, "Go ntse jalo ke a rata, fola!" Mme lepero la mo tlogela ka bonako.
Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu!
Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, "Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!"
Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, "Motho yo o ikgopola a le eng?" O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe. Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, "Ke eng fa e le tlhapatso? A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?"
Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, "Ema o menaganye phate ya gago o ye gae." Mme ya re ka bonako, fa mongwe le mongwe a lebeletse, monna a nanoga a tsaya phate ya gagwe a ya gae a baka Modimo.
Ka Sabata nngwe o ne a le mo tlung ya thuto a ruta, mme monna mongwe a ba a le foo yo o golafetseng letsogo le legolo. Baruti ba molao le Bafarasai ba lebelela sentle go bona gore a o tlaa fodisa monna ka letsatsi leo, ka e ne e le la Sabata. Gonne ba ne ba ikaeletse go mmaya molato. Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, "Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone." Mme monna a dira jalo.
Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, "Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?"
A leba mongwe le mongwe wa bone mme a raya monna a re, "Otlolola letsogo la gago," mme ya re a le otlolola, la fola!
Erile Jesu a sena go fetsa thero ya gagwe a boela mo motsing wa Kaperenama.
Fela ka yone nako eo motlhanka yo mogolo wa moeteledi pele wa mophato wa Seroma o ne a lwala a bile a le gaufi le go swa. E rile fa moeteledipele wa mophato a utlwa kaga Jesu, a romela bangwe ba Sejuta ba ba tlotlegang go ya go mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. Hong ba simolola go kopa Jesu ka tlhoafalo go ya le bone go thusa monna yoo. Ba mmolelela ka fa moeteledipele wa masole o neng a le senatla ka gone. "Fa mongwe a tshwanelwa ke go thusiwa, ke ene, gonne o rata Bajuta o bile o re agetse ntlo ya thuto!"
Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, "Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola. Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya maotlana a magolo, mme ke na le taolo mo bathong ba me. Ke na le tshwanelo ya gore ‘Tsamayang!’ mme ba tsamaye; kgotsa ‘Tlang!’ mme ba tle; mme ke reye motlhanka wa me ke re, dira se kgotsa sele; mme a se dire. [Jalo, bua fela jaana o re, ‘Fola’ mme motlhanka wa me o tlaa fola!]."
Jesu a hakgamala. A retologela kwa bathong ba ba kgobokaneng a re, "Ga ke ise nke ke kopane le motho wa tumelo e e ntseng jaana mo Bajuteng botlhe ba ba mo Iseraele."
Mme ya re ditsala tsa moeteledipele wa masole di boela kwa tlung ya gagwe, tsa fitlhela motlhanka a fodile gotlhelele!
ga bo go na le sekoa sa mosadi yo o neng a obegile selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi mme a sa kgone go itlhamalatsa.
Mme Jesu a mmitsa a re, "Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!" A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo!
Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong. Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, "A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?" Mme ya re ba gana go mo araba, Jesu a tshwara monna yo o lwalang ka letsogo a mo fodisa a mo rebola go tsamaya.
E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea, mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana, ba goa ba re, "Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!"
Mme a ba leba a re, "Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!" Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela!
Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, "A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!" A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.
Mme Jesu a botsa a re, "A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae? A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?"
Mme Jesu a mo raya a re, "Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse."
Mme erile morago ga mo o Jesu a boela kwa Jerusalema ka ntlha ya letsatsi lengwe la malatsi a boikhutso a tumelo ya Sejuta. Mo mo-tseng, gaufi le kgoro ya dinku go ne go na le Lekadiba ja Betheseda le na le maobo a le matlhano. Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi, gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa.
Mongwe wa banna ba ba neng ba namaletse gone foo, o ne a sa bolo go lwala mo dingwageng di le masome mararo le bofera bobedi.
Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, "A o batla go fola?"
Mme monna yo o lwalang a re, "Ga ke kgone, ka gore ga ke na ope yo o ntsenyang mo lekadibeng ka nako ya phetlho ya metsi, e a re fa ke sa ntse ke leka go tlolela mo teng, mongwe a bo a nthaka." Mme Jesu a mo raya a re, "Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!" Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala.
Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo.
Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata, a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo.
Mme Jesu a mmotsa a re, "A ga gona ope wa lona yo o dumelang mo go nna fa e se ke tswelela ka go dira dikgakgamatso?"
Kgosana ya mo rapela ya re, "Rra, tswee-tswee itlhaganele pele ngwanake o a swa."
Mme Jesu a mo raya a re, "Boela kwa gae. Morwao o fodile!" Mme kgosana ya dumela Jesu ya boela kwa gae. Mme ya re fa a sale mo tseleng, bangwe ba batlhanka ba gagwe ba mo rakantsha ka mafoko a a reng sengwe le sengwe se siame, morwao o namologile mo bolwetseng. A ba botsa gore mosimanyana o sale a simolola go ikutlwa botoka leng? Mme ba mo fetola ba re, "Erile maabane mo tshokologong nako e ka nna ya bongwe, letshoroma la gagwe la bo le nyelela!" Hong rraagwe a lemoga gore e ne e le ka lone lobaka lo Jesu a neng a mo raya a re, "Morwao o fodile." Mme Kgosana le bantlo ya gagwe ba dumela gore Jesu ke Mesia.
Se e ne e le kgakgamatso ya bobedi mo Ga-lalea morago ga go boa ga ga Jesu kwa Judea.
A mulher com fluxo de sangue
Uma mulher que sofria há doze anos tocou a orla do manto de Jesus e foi curada instantaneamente pela sua fé.
mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe. Gonne o na a akantse gore, "Fela fa nka mo ama ke tlaa fola."
Jesu a retologa a bua nae a re, "Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse." Mme mosadi a fola ka yone nako eo.
Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi. Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele. Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe.
Gonne o ne a gopotse ka boene gore, "Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola." Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile.
Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema.
Mme Jesu a botsa a re, "Ke mang yo o nkamileng?" Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, "Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse…"
Mme Jesu a mo raya a re, "Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna."
Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile.
Hong Jesu a mo raya a re, "Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso."
Ressurreições
Jesus ressuscitou mortos — a filha de Jairo, o filho da viúva de Naim e Lázaro. Ele é Senhor sobre a morte.
Ya re a sa ntse a bua jaana, moruti wa ntlo ya thuto a tla a mo obamela a re, "Morwadiake yo mmotlana o sule, mme o ka mo rudisa fa o ka tla wa mo ama." Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ntse ba ya kwa lwapeng lwa moruti
Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho, A re, "Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!" Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa! Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape.
Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe, a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, "O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele."
Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago.
Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso. A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, "Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!"
Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone.
A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, "Tsoga mosetsana!" (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata.
Mme Jesu a ba botsa a re, "Ke ka reng ka batho ba ba ntseng jalo? Ke ka ba tshwantsha le eng? Ba tshwana le setlhopha sa bana ba ba ngongoregang mo ditsaleng tsa bone, ba re, ‘Ga lo rate fa re tshameka "Lonyalo" e bile ga lo rate fa re tshameka phitlho!’ Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, ‘O tshwanetse a ba a tsenwa!’ Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’ Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona."
Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja, mosadi wa mebila, wa seaka, a utlwalela fa Jesu a le foo mme a lere lebotlolo le tletse setlolo se se tlhwatlhwa kgolo.
Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe, gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.
E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, "O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong."
Mme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, "Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama."
Ya re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana.
Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, "Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!" Se sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule.
Hong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, "Tsoga morweetsana." Mme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, "Mo neeng sengwe a je!" Batsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng.
Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri. Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, "Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata."
Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, "Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo."
Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata, o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa. Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, "A re yeng kwa Judea."
Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, "Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?"
Jesu a fetola a re, "Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe. Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi." Mme a bua a re, "Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!" Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, "Moo go raya gore o nna botoka!" Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule.
Mme a ba bolelela sentle a re, "Lasaro o sule.
Domínio sobre a natureza
Jesus acalmou a tempestade, andou sobre as águas e multiplicou pães. A natureza obedece à voz do seu Criador.
Mme a tsena mo mokorong a simolola go kgabaganya lecha le barutwa ba gagwe. Ka tshoganyetso ga tsoga setsuatsue se segolo, makhubu a goletsegile go feta mokoro. Mme Jesu o ne a robetse. Barutwa ba ya kwa go ene ba feta ba mo tsosa, ba gowa ba re, "Morena, re boloke! Re a nwela!"
Mme Jesu a ba raya a re, "Ao batho ba tumelo e potlana! Ke eng fa lo tshogile jaana?" Hong a ema a kgalemela phefo le makhubu, mme ga nna tuulalo e kgolo.
Barutwa ba nna fela foo ba reregile! ba botsanya ba re, "Motho yo ke mang, yo le e leng diphefo tota le lewatle di mo reetsang?"
Maitseboeng ao barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, "Lobaka lwa dijo lo setse lo fetile, mme ga gona sepe se se ka jewang fano mo sekakeng; phatlalatsa bontsintsi jwa batho gore ba ye mo magaeng ba reke dijo!"
Mme Jesu a fetola a re, "Mo ga go tlhokafale, ba feng dijo!"
Mme ba mo raya ba re, "Ga tweng! Re na le dinkgwe di le tlhano tse di nnye le ditlhapi di le pedi!"
Jesu a ba raya a re, "Di lereng kwano."
Hong a raya batho a re ba nne fa fatshe mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa godimo mo loaping a kopela dijo tshegofatso ya Modimo, hong a ngathoganya dinkgwe a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho. Mme mongwe le mongwe a ja go fitlhelela a kgora! Mme erile ba sela masalela kwa morago, ga sala diroto di le lesome le bobedi tse di tletseng. E ne e ka nna banna ba le dikete tse tlhano mo bontsintsing jwa batho tsatsing leo, kwa ntle ga basadi le bana.
Erile e ka nna nako ya bone mo mosong, Jesu a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metse.
Mme Jesu a bitsa barutwa ba gagwe a re, "Ke tlhomogela batho ba pelo, ba ntse ba le fano le nna malatsi a le mararo jaanong, mme ga baa salelwa ke sepe go se ja; ga ke batle go ba phatlalatsa ba bolailwe ke tlala, kgotsa e ka re gongwe ba idibala mo tseleng."
Barutwa ba fetola ba re, "Mme re tlaa bona dijo tse di lekanyeng kae fano mo sekakeng gore batho ba botlhe ba je?"
Jesu a ba botsa a re, "Lo na le dijo di le kae?" ba fetola ba re, "Re na le dinkgwe di supa le ditlhatswana di se kae."
Hong Jesu a raya batho botlhe a re ba nne fa fatshe mme Jesu a tsaya dinkgwe tse di supang le ditlhapi, a di lebogela, a di ngathoganya, a di neela barutwa ba gagwe gore ba di neele batho. Mme botlhe ba a ja ba kgora, e le dikete di le nne tsa banna kwa ntle ga basadi le bana! moragonyana, fa masalela a kokoangwa, go ne ga tladiwa diroto di supa!
Mo kgorogong ya bone kwa Kaperanama, baphuthi ba lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba mmotsa ba re, "A mong wa lona ga a duele lekgetho?"
Petere a araba a re, "Ee, o a le duela." Hong a tsena mo ntlung go bolelela Jesu ka potso ya makgetho, mme e rile pele ga a ka bua, Jesu a mmotsa a re, "O akanyang Petere? A dikgosi di phutha makgetho mo bathung ba tsone, kgotsa mo go batswakwa ba ba fentsweng?"
Mme Petere a fetola a re, "Mo go batswakwa." Jalo he, Jesu a re, "Go siame." "Beng-ba legae ba gololesegile! Le fa go ntse jalo, ga re batle go ba kgopisa, jalo fologela kwa lotshitshing o konopele sekgoge (huku e e tshwarang ditlhapi), o atlhamolole molomo wa tlhapi ya ntlha e o e tshwarang. O tlaa bona ledi le le tlaa lekanang makgetho a rona rotlhe; le tseye mme o ba duele!"
Mo mosong fa a boela Jerusalema, a tshwarwa ke tlala, Yare a bona setlhare sa mofeige fa thoko ga tsela, a tsamaela kwa go sone go bona gore a se na le maungo, mme ga bo go le matlhare fela. Hong a se hutsa a re, "O se ka wa tlhola o ungwa gape!" Mme ka bofefo setlhare sa mofeige sa omelela.
Barutwa ba gakgamala thata ba bo ba mmotsa ba re, "Setlhare sa mofeige se omeletse ka bofefo jang?"
Mme Jesu a ba raya a re, "Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala. Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela."
Mme ya re ka bonako matsubutsubu a magolo a phefo a tsoga. Makhubu a metse a simolola go tlolela mo mokorong go fitlhelela metse a tlala mo mokorong ebile o tloga o nwela.
Jesu o ne a robetse kwa motsheo ga mokoro a samile mosamo. Mme ka bonako ba mo tsosa ka letshogo le legolo ba re, "Moruti, a ga o tshwenyege le fa re tloga re nwela rotlhe?"
Hong a kgalemela phefo a raya lewatle a re, "Didimala!" Mme phefo ya didimala, ga ba ga nna tuulalo e kgolo!
Mme a ba botsa a re, "Lo ne lo tshositswe ke eng? A le jaana ga lo ise lo bo lo inkanye?"
Mme ba tlala poifo thata ba ipotsa ba re, "Monna yo ke mang, yo diphefo le mawatle di mo utlwang?"
Mme morago ga tshokologo ya letsatsi barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, "Bolelela batho gore ba tsamaye ba ye kwa metsing e e gaufi le masimo ba ye go itshenkela dijo, gonne ga go na sepe se se ka jewang mo thoteng e, gape go nna bosigo."
Hong Jesu a re, "Ba fepeng." Mme ba botsa ba re, "Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!"
Mme a ba botsa a re, "Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona." Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala.
Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho. Mme batho baa ja botlhe ba kgora!
Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng!
Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta, ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko, gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, "Go siame, se boifeng! Ke nna." Hong a palama mo mokorong, phefo ya didimala! Ba nna fela foo ba gakgametse.
Ka letsatsi lengwe jaaka bontsi bo phuthega, batho ba felelwa ke dijo gape, Jesu a bitsa barutwa ba gagwe go tla go bua ka seemo seo. A re, "Ke utlwela batho ba botlhoko, gonne ga ba bolo go nna fano malatsi a le mararo, mme ga ba a salelwa ke sepe go se ja. Mme fa ke ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone ke sa ba fa dijo ba tlaa idibalela mo tseleng! Gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala." Mme ba mo fetola ka tshotlo ba re, "A re tshwanetse go ba senkela dijo fano mo sekakeng?"
A botsa a re, "Lo na le dinkgwe di le kae?" Mme bone ba re, "Di supa". Hong a raya bontsi jwa batho a re bo nne fa fatshe. Mme a tsaya dinkgwe di supa, a di lebogela, a di ngathoganya dikapetlana a di fetisetsa kwa barutweng, mme barutwa ba di abela batho. Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, hong Jesu a di segofatsa a raya barutwa a re ba fe batho. Hong bontsi jwa batho jwa a ja jotlhe go fitlhelela bo kgora, mme morago ga moo a ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone. Go ne go na le batho ba ka nna dikete tse nne ka letsatsi leo. Mme ya re masalela a sena go kokoanngwa morago ga dijo ga sala diroto di supa tse di tona di tletse!
E rile moso o o latelang fa ba tloga mo Bethania, a tshwarwa ke tlala. Ya re kgakalanyana fa thoko ga tsela a bona setlhare sa mofeige se le matlhare a matala, hong a tsamaya a ya go bona gore a ga a kake a bona loungo mo go sone. Le fa go ntse jalo ga bo go se na sepe, e le matlhare fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa maungo.
Hong Jesu a raya setlhare a re, "Ga o kitla o tlhola o ungwa gape!" Mme barutwa ba mo utlwa fa a bua jalo.
Letsatsi le le latelang, fa barutwa ba feta fa setlharing sa mofeige se o se hutsitseng, ba bona gore se omeletse go simologa kwa meding! Hong Petere a gakologelwa se Jesu a neng a se raya setlhare maabane, mme a re "Bona, Moruti! setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse!" Mo karabong ya gagwe, Jesu a raya barutwa a re, "Fa lo na le tumelo mo Modimong, boammaaruri jo e leng jone ke jo, lo ka raya thaba ya Lotlhware lwa re, ‘Manologa o wele mo teng ga lewatle’, mme taolo ya lona e tlaa diragala. Se se tlhokegang fela ke gore lo dumele lo sa belaele! Ntheetsang! Lo ka rapelela le fa e le eng, mme fa lo dumela, lo tlaa se amogela! Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona."
Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo. Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone. Erile Jesu a tsena mo go mongwe wa mekoro, a raya Simone mong wa mokoro o mongwe a re, a o suteletse kwa pelenyana mo metsing gore a tle a nne mo go one a bue le batho a le mo teng.
Erile a sena go fetsa go bua, a raya Simone a re, "Jaanong tsamaela fa go boteng o lese matloa a gago mme o tlaa tshwara ditlhapi di le dintsi!" Mme Simone a fetola a re, "Morena," re dirile thata bosigo jotlhe mme ra se ka ra tshwara sepe, mme fa o rialo re tlaa leka gape.
Mme ka nako e matloa a bone a ne a tlala thata mo e leng gore a ne a simolola go gagoga! Mme go goa ga bone ba batla thuso ga tlisa bangwe ka bone mo mokorong o mongwe mme ka bonako mekoro yotlhe ya bo e tletse ditlhapi mo e ka nwelang.
Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, "Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena." Gonne o ne a gakgamaditswe thata ke selekanyo se ba se tshwereng jaaka ba bangwe ba ba neng ba na le bone. Le bapati ba bangwe le bone bo Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Mme Jesu a fetola a re, "Se tshwenyege! go simolola gompieno lo tlaa tshwara mewa ya batho!" Mme ya re ka bonako fa ba fologa mo mekorong ba tlogela tsotlhe ba tsamaya le ene.
Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo.
Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, "Morena, Morena re a nwela!" Hong a bua le phefo a re, "Kgaotsa," mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo.
Mme a ba botsa a re, "Tumelo ya lona e kae?" Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, "Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?"
Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo.
Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, "Morena, Morena re a nwela!" Hong a bua le phefo a re, "Kgaotsa," mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo.
Mme a ba botsa a re, "Tumelo ya lona e kae?" Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, "Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?"
Mme ba goroga ka fa ntlheng e nngwe, mo lefatsheng la Bagerasena go lebagana le lecha la Galalea.
Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, "Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se."
Mme Jesu a fetola a re, "Ba feng dijo!" Mme bone ba re, "Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?" Gonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, "Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano." Mme ba dira jalo.
Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!
Mme erile morago ga malatsi a mabedi, mmaagwe Jesu o ne a le molalediwa mo lenyalong kwa motseng wa Kana mo Galalea, mme Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe. Mofine wa fela go sa ntse go itumelwa, mme mmaagwe Jesu a tla kwa go ene go mmolelela ka mathata a.
Mme Jesu a mo fetola a re, "Ga nkake ka go thusa jaanong jaana ga e ise e be e nne nako ya me ya go dira dikgakgamatso."
Mme mmaagwe a raya batlhanka a re, "Dirang sengwe le sengwe se a se lo bolelelang."
Dinkgwana tsa metse di le thataro tse di dirilweng ka lentswe, tsa bo di le foo; di ne di dirisiwa kafa mokgweng wa Sejuta wa mediro mme nngwe le nngwe ya tsone e ne e ka tshela diemere di ka nna masome a le mabedi kgotsa a le mararo.
Mme Jesu a raya batlhanka a re, ba di tlatse metsi go fitlhelela metsi a nna mo mosetlhong o o kwa godimo. Erile go sena go dirwa jalo a re, "Gang mo go tsone lo ise kwa go motsamaisi wa modiro." Erile motsamaisi wa mediro a leka metsi mo ganong a jaanong a neng a fetogile mofine, a sa itse gore o ne o tswa kae (lefa tota batlhanka bone ba ne ba itse), a bitsa monyadi a re, "Se ke seno se se gakgamatsang! Wena o farologanye le batho ba bangwe! Motho yo o amogelang balalediwa o tle a dirise mofine o o monate pele, mme e re morago fa mongwe le mongwe a kgotshe a sa tlhole a kgathala, mme a lere mofine o o seng monate. Mme wena o beetse lobaka lono lwa bofelo mofine o o monate."
Kgakgamatso e e ne ya dirwa mo Kana wa Galalea e le sesupo sa ntlha sa ga Jesu mo pontsheng sa nonofo ya legodimo e a romilweng go tla go e supa. Mme barutwa ba gagwe ba dumela tota gore ke Mesia.
(O ne a leka Filipo, gonne o ne a setse a itse se a neng a ya go se dira).
Filipo a fetola a re, "Go tlaa lopa madi a mantsi thata go simolola go dira jalo!"
Mme Anderea, monnaa Simone Petoro, a bua a re, "Go na le mosimanyana fano yo o tshotseng dinkgwe tsa korong di le tlhano le ditlhapi di le pedi! Mme go ka thusang fa batho ba le bantsi jaana?"
Mme Jesu a ba raya a re, "Rayang mongwe le mongwe a nne fa fatshe," mme botlhe fela ba nna fa fatshe mo bojannye, mme palo ya banna ba le bosi e ne e ka nna dikete di le tlhano. Hong Jesu a tsaya dinkgwe, a di lebogela, a di naya batho. Morago ga moo a dira fela jalo ka ditlhapi. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora!
Mme Jesu a ba raya a re, "Kokoanyang masalela, gore le fa e le sepe se seka sa latlhwa." Mme diroto di le lesome le bobedi tsa tlala masalela ao!
Mme ka bofefo ga tsoga phefo e kgolo thata mo lewatleng, ya ba tsubutletsa le mokoro o ba neng ba o kgweetsa, le lewatle la rwalelesega. Mme le fa go ntse jalo, erile ba ka ne ba tsamaile bommaele ba le bararo kgotsa ba le bane, ka tshoganetso ba bona Jesu a tsamaela ntlheng ya mokoro! Mme ba tshoga thata, mme a ba bitsa a re se boifeng.
Mme ba eletsa go mo tseela mo teng, mme ka bofefo mokoro wa goroga kwa ba neng ba ya teng!
Mme ya re morago Jesu a bonala gape kwa barutweng fa thoko ga Lecha la Galalea. Go ne ga diragala jaana:
Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase "Lewelana" Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi.
Simone Petere a re, "Ke ya go tshwara ditlhapi," le rona rotlhe ra re, "Re tsamaya nao." Re ne ra dira jalo, mme ra seka ra tshwara sepe bosigo jotlhe. Mme ya re ka makuku ra bona monna a eme mo moshaweng mme ra seka ra bona gore ke mang.
A botsa a re, "A go na le ditlhapi, basimane?" Mme ra mo fetola ra re, "Nnyaa."
Mme a re raya a re, "Latlhelang lotloa lwa lona ka fa letsogong le legolo la mokoro, mme lo tlaa di tshwara di le dintsi!" Ra dira jalo, mme ra seka ra kgona go goga lotloa ka ntlha ya bokete jwa ditlhapi, di ne di le dintsi thata! Mme ka raya Petere ka re, "Ke Morena!" Erile fela foo, Simone Petere a apara seaparo sa gagwe (gonne o ne a se tsotse go fitlhelela kwa lothekeng). Mme a itatlhela mo metsing (a shapela kwa lotshitshing). Mme rona ra sala mo mokorong ra gogela lotloa lo lo tletseng kwa moshaweng o o neng o ka nna dikgato di le makgolo a mararo. Erile fa re goroga koo, ra fitlhela molelo o gotsitswe, ditlhapi di besitswe, ebile go na le senkgwe. Mme Jesu a re raya a re, "Lereng dingwe tsa ditlhapi tse lo di tshwereng." Mme Simone Petere a tswela kwa ntle mme a gogela lotloa kwa lotshitshing. Ka bala e le ditlhapi di le lekgolo le masome a matlhano le boraro; mme le fa go ntse jalo lotloa lo ne lo sa kgagoga!
Libertações
Jesus expulsou demônios com autoridade. Os espíritos impuros não resistiam à sua palavra e saíam imediatamente.
Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.
Mme Jesu a mo fetola a re, "Ke tlaa tla go mo fodisa." Mme mogolwane a re, "Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, ‘Fola’, motlhanka wa me o tlaa fola! Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, ‘Tsamaya’ mme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, ‘Tla’ mme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, ‘Dira se kgotsa sele’ mme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya."
Jesu a nna foo a akabetse! Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, "Ga ke ise ke ke ke bone tumelo e e tshwanang le e mo Iseraele! Mme ke lo bolelela se, Badichaba ba le bantsi jaaka mogolwane yo wa Roma, ba tlaa tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba nna fa fatshe mo Bogosing jwa Legodimo le Aberahame, Isake le Jakobe. Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba baakanyeditswe Bogosi, ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le kwa ntle, mo felong ga selelo le tlhokofatso". Hong Jesu a raya mogolwane wa Roma a re, "Tsamaya o ye lwapeng. Se o se dumetseng se diragetse!" Mme mosimane a fola ka yone nako eo.
Erile ba goroga ka fa ntlheng e nngwe ya lecha mo lefatshing la Bagadara, banna ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba mo kgatlhantsha. Ba ne ba nna mo diphupung ba le diphatsa thata mo motho ope o neng a ka se ka a ralala golo foo.
Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, "O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa." Serapa sa dikolobe se ne se fula kgakalanyana. Jalo mewa e e maswe ya kopa ya re fa o re "kgoromeletsa ntle re, lelekele mo serapeng sele sa dikolobe."
Jesu a e raya a re, "Go siame, tsamayang" mme ya tswa mo banneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo thoteng ka bofefo sa wela mo metsing kwa tlase. Mme badisa ba tsone ba sianela kwa motseng o o gaufi go ya go bolela kaga se se diragetseng. Mme batho botlhe ba motse ba sianela go tla go bona Jesu, ba mo kopa gore a tsamaye a ba tlogele ba le bosi.
Erile Jesu a tswa mo lefelong leo, a rakana le monna wa semumu yo o neng a sa kgone go bua ka ntlha ya mowa o o maswe o o neng o le mo go ene. Hong Jesu a kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle, mme gone fela foo monna a simolola go bua. Bontsi jwa batho jwa gakgamala thata ba re, "Ga go ise nke go diragale mo matshelong a rona go bona se se tshwanang le se."
Mme ga leriwe kwa go Jesu monna yo o tsenyweng ke badimo, a le sefofu a bile a le semumu, mme Jesu a mo fodisa gore a bue a ba a bone.
Jesu a tloga foo, a tsamaya dimaele di le masome matlhano go ya Ture le Sidona. Mosadi yo o tswang Kanana yo a neng a nna teng, a tla kwa go ene a kopa a re, "Nkutlwela botlhoko, Ao Morena, Morwa Kgosi Dafide! Gonne morwadiake o tsenywe ke mowa o o maswe o mo tlhokofatsa gangwe le gape."
Mme Jesu a seka a mo fetola le fa e le go bua lefoko lepe! Barutwa ba gagwe ba mo kopa ba re, "Mo reye a tsamaye, ka o re tshwenya ka go kopa ga gagwe."
Mme a raya mosadi a re, "Ke rometswe go thusa Bajuda e seng Badichaba."
Mme a tla a mo obamela a mo rapela gape a re, "Nthusa!"
Jesu a mo raya a re, "Ga go bonale go siame go tsaya dijo mo baneng o di latlhelela dintsa." Mme mosadi a re, "Ee, mme go siame ka gore le dintsanyana ka fa tlase ga lomati lwa bojelo di letlelelwa go ja mahohora a a wang."
Mme Jesu a mo raya a re, "Mosadi, tumelo ya gago e kgolo, mme kopo ya gago e letleletswe." Mme Morwadie a fodisiwa gone fela foo!
Erile ba goroga kwa tlase ga thaba, bontsintsi jo bogolo jwa bo bo ba letile. Monna mongwe a tla a khubamela Jesu a re, "Morena, utlwela morwaake botlhoko, ka gore o tlhakatlhakanye tlhaloganyo, re mo bothatengjo bogolo, ka gore o a tle a wele mo molelong kgotsa mo metsing. Jalo ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa."
Jesu a fetola a re, "Ao batho ke lona ba ba ditlhogo di thata ba ba senang tumelo! Ke tlaa nna le lona boleele bo le kae? Mo lereng kwano go nna." Hong Jesu a kgalemela mowa o o maswe o o mo mosimaneng mme wa tswa mo go ene, mme go simolola ka lobaka loo mosimane a fola.
Mme ga bo go le monna mongwe yo o tsenweng ke mewa e e maswe, mme a simolola go goa; a re, "Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya, Jesu wa Nasaretha a o tsile go re nyeletsa rona Mewa e e maswe? Ke a itse fa o le Morwa Modimo o o Boitshepo."
Jesu a laola moya o o maswe gore o didimale o tswe mo go ene. Mme mowa o o maswe wa goa wa mo kgaratlhisa wa tswa mo go ene.
Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong.
Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang. Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale.
Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe.
Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, "Tswa, wena mowa o o maswe." Mme wa goela kwa godimo wa re, "O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa."
Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, "Leina la gago ke mang?" moya o o maswe wa re, "Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo."
Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala. Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha. "Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe."
Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse. Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela.
Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, ‘Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.’ Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata."
Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho go tla go reetsa: A re, "A mongwe le mongwe wa lona a reetse, lo bo lo leke go tlhaloganya. Mewa ya lona ga e senngwe ke se lo se jang, mme e senngwa ke se lo se akanyang le se lo se buang!"
Mme a tswa a tloga mo Galalea a tsamaya a ya kwa kgaolong ya Ture le Sidona, mme a leka go go dira sephiri sa gore o ne a le teng koo, mme ga seka ga diragala. Gonne jaaka gale, dikgang tsa kgorogo ya gagwe di ne tsa anama ka bofefo.
Ka bonako ga tla mosadi kwa go ene yo ngwana wa gagwe o neng a na le mowa o o maswe, a utlwaletse kaga Jesu mme a tla a wela fa dinaong tsa gagwe, mme a mo rapela gore a golole ngwana wa gagwe mo thateng ya taolo ya mowa o o maswe. (Mme a bo a le modichaba wa Se-Siria le Se-Fonishia yo o nyaditsweng!)
Mme Jesu a mo raya a re, "Pele ke tshwanetse go thusa bagaetsho Bajuta. Ga go a siama go tsaya dijo tsa bana o di latlhelela dintsa."
Hong mosadi a araba a re, "Go boammaaruri, Morena, le tsone dintsanyana kafa tlase ga lomati lwa bojelo di newa mafofora a a wang mo dijaneng tsa bana." Mme a mo raya a re, "Go siame! O arabile sentle mo eleng gore ke fodisitse ngwana wa gago wa mosetsana. Tsamaya o ye gae, gonne mowa o o maswe o dule mo go ene!"
Mme e rile fa a tsena kwa gae, ngwana wa gagwe a bo a robetse ka tidimalo e kgolo mo bolaong, mme mowa o o maswe wa bo o tsamaile.
Monna mongwe mo bontsing joo a bua a re, "Moruti, ke lerile morwaake mo go wena gore o mo fodise--ga a kgone go bua ka ntlha ya gore o tswenwe ke mowa o o maswe. Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa."
Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, "Ao, a batho ba ba tumelo e potlana, ke tshwanetse go nna le lona lobaka lo lo kae mme lo sa dumele? Ke lobaka lo lo kae lo ke tshwanetseng go lo itshokela? Lereng mosimane kwa go nna."
Hong ba lere mosimane, mme erile fa a bona Jesu, mowa o o maswe wa mo kgothakgotha mo go botlhoko, mme a wela fa fatshe a bidikama a phoka mafulo ka molomo.
Jesu a botsa rraagwe a re, "Go lobaka lo lo kae a ntse jaana?" Rraagwe a araba a re, "a le mmotlana, mme gantsi mowa o o maswe o dira gore a wele mo molelong kgotsa mo teng ga metsi go mmolaya. Ao, re utlwele botlhoko, o dire sengwe fa go kgonega."
Jesu a botsa a re, "A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo." Ka bofefo rraagwe a araba a re, "Ke na le tumelo; Nthusa o e nkokeletse." Erile fa Jesu a bona gore bontsi jwa batho bo a gola, a kgalemela mowa o o maswe. A raya mowa o o maswe o o semumu le bosusu, a re, "Ke a go laola gore o tswe mo ngwaneng yo, o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape!"
Hong mowa o o maswe wa goa mo go boitshegang wa kgothakgotha mosimanyana gape mme wa mo tlogela; a robala a sa tshikinyege a bonala jaaka moswi. Modumonyana wa utlwala mo bathung o re, "O sule." Jesu a mo tshwara ka seatla a mo thusa gore a eme ka maoto, mme a ema a itekanetse!
Erile a sena go tloga mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, a ya kwa legaeng la ga Simone kwa a neng a fitlhela mogwagwadia Simone wa mosadi a lwala thata bolwetse jwa letshoroma. Mme batho botlhe ba mo kopa go re a mo fodise.
Ya re a eme fa thoko ga bolao jwa gagwe a bua le letshoroma, a le kgalemela, ka bonako a fola a tsoga a ba direla dijo!
Ya re a fologa mo mokorong monna yo o tswang mo motseng wa Gatara a tla go mo kgatlhantsha, monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe ka lobaka lo lo leele. A se na legae a bile a sa ikatega, a nna mo mabitleng mo gare ga diphupu. Ya re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, "O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!"
Gonne Jesu o ne a setse a laola mowa o o maswe gore o tswe mo go ene. Mowa o o maswe o ne o tle o laole monna yo mo e leng gore e ne e tle e re le fa a bofilwe ka dikeetane a kgaole mme a siele mo nageng, a laolwa ke mowa o o maswe gotlhelele.
Mme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, "Leina la gago ke mang?" Mme wa fetola wa re, "Diketekete," gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe! Mme ya mo kopa gore a se ka a e laolela go tsena mo lehuting le le senang bolekanngo.
Serapa sa dikolobe sa bo se fula gautshwane mo mhapheng wa thaba mme mewa e e maswe ya mo kopa gore a e letle go tsena mo dikolobeng. Mme Jesu a e letla. Mme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe. Hong badisa ba dikolobe ba sianela kwa motsing o o gaufi, ba gasa mafoko fa ba ntse ba siana. Ka bofefo bontsintsi jwa batho jwa tla go iponela ka bobone se se diragetseng mme ba bona monna yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe a ntse ka tidimalo fa dinaong tsa ga Jesu, a apere a bile a ikutlwa sentle. Mme bontsintsi jwa batho botlhe ba tshoga thata.
Mme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!"
Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng. Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela. Hong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae. Ba ne ba bonala ba galalela, ba le bantle thata; ba bua ka loso lwa gagwe lo lo tlaa diragalang kwa Jerusalema go diragatsa leano la Modimo.
Petere le ba bangwe ba ne ba otsela ebile ba robetse. Hong ba tsoga ba bona Jesu a apesitswe ke phatsimo le kgalalelo, le banna ba babedi ba eme le ene.
Erile fa Moshe le Elija ba simolola go tsamaya, Petere a sa itlhaloganye, a bile a sa itse se a se buang a kgomoga a re, "Morena, go molemo jang! Re tlaa aga metlaagana e le meraro, o mongwe e le wa gago o mongwe e le wa ga Moshe o mongwe e le wa ga Elija."
hong monna mongwe mo bontsing a mo tlhaeletsa a re, "Moruti, mosimane yo o fano yo ke ene fela morwaake, mme mowa o o maswe o tsweletse ka go mo tshwenya, o mo dira gore a goe; mme o mo karalatse gore a bo a phoke mafulo mo molomong; o aga o mo keteka, mme ga o ke o bo o mo tlogela. Ke kopile barutwa ba gago gore ba kgoromeletse mowa o o maswe o kwa ntle mme ga ba a ka ba kgona."
Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, "Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano."
Ya re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe.
Mme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re,
Ka nako nngwe, fa Jesu a kgoromeletsa ntle mowa o o maswe mo monneng yo o neng a le semumu, lentswe la gagwe la mmoela, a mumuloga. Mme bontsintsi jwa batho jwa itumela thata ba nna matlhagatlhaga,
Mme mongwe wa bone a rema tsebe e e kafa letsogong le legolo la motlhanka wa Moperesiti yo Mogolo a e kgaola.
Mme Jesu a re, "Lo seka lwa busolosa ka gope". Mme a ama fa tsebe e neng e le teng a e busetsa.
Erile ba sena go tsamaya Jesu a bua le batho kaga Johane. A re, "Motho yo ke mang yo lo neng lo ile go mmona mo sekakeng sa Judea? A lo ne lwa mmona a le motlhofo jaaka bojang jo bo sutisiwang ke mosumo mongwe le mongwe wa phefo! A lo kile lwa mmona a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo? Nnyaa! Batho ba ba nnang mo monateng ba bonwa mo matlung a segosi, e seng kwa ntle mo sekakeng. Mme a lo kile lwa bona moporofiti? Ee! Le go feta moporofiti? Ke ene yo dikwalo di neng di mo raya fa di re, ‘Bona! Ke romela morongwa wa me kwa pele ga gago, go go baakanyetsa ditsela!’ Mo bathong botlhe ga go na ope yo mogolo go feta Johane. Mme le fa go ntse jalo yo mmotlana mo Bogosing jwa Modimo o mogolo go mo feta."
Mme botlhe ba ba utlwileng Johane a rera, le e leng bone ba ba neng ba le bosula thata, ba dumela gore se se batlwang ke Modimo se siame, mme ba kolobediwa ke ene.
Botlhe ba kolobediwa kwa ntle ga Bafarasai le baruti ba molao wa ga Moshe. Ba ne ba gana leano la Modimo mo go bone mme ba gana kolobetso ya ga Johane.