A mulher sábia
A mulher sábia constrói sua casa sobre o fundamento do temor do Senhor. Sua sabedoria abençoa a família, a comunidade e as gerações futuras.
A sabedoria que edifica
A mulher sábia edifica sua casa. O temor do Senhor é o princípio da sabedoria e a instrução que conduz à honra.
Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege.
Virtude e excelência
A mulher virtuosa é coroada de força e dignidade. Ela abre a boca com sabedoria e a instrução da bondade está na sua língua.
Exemplo e influência
A mulher sábia é exemplo de fé e bom testemunho. Suas atitudes inspiram e seu legado abençoa as gerações que virão.
Ruta basadi bagolo go nna maitseo le masisi mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Ba se ka ba tsamaya tsamaya ba bua bosula kaga ba bangwe le gone ba se ka ba nna matagwa, mme ba tshwanetse go nna baruti ba tshiamo.
Basadi bagolo ba ba tshwanetse go ruta basadi ba meroba go tshela ka tshisibalo mo mekgweng ya bone, go rata banna ba bone le bana ba bone, le go nna le ditlhaloganyo le megopolo e e itshekileng, ba nna mo malwapeng a bone, ba le pelonomi ebile ba ikobela banna ba bone, gore tumelo ya Sekeresete e se ka ya tlhapadiwa ke ba ba ba itseng.
Basadi ba bone ba tshwanetse go nna masisi, e se matagwa, e se basebi, mme ba ikanyega mo dilong tsotlhe tse ba di dirang.
"Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwants-hiwa ka polelo ya makgarebana a a some a a neng a tsaya dipone tsa one a ya go kgatlhantsha monyadi. Mme ba le batlhano fela ba bone ba ne ba nna botlhale go tlatsa dipone tsa bone lookwane, fa ba bangwe ba batlhano ba ne ba dira boeleele ba lebala go dira jalo.
"Mme ya re monyadi a diega, ba nna fa fatshe go itapolosa go fitlhelela bosigogare fa ba thantshiwa ke mokgosi o o reng, ‘Monyadi o e tla! Tswelang kwa ntle lo mo amogeleng.’
"Basetsana botlhe ba phaphama ba baakanya dipone tsa bone. Mme, ba batlhano ba ba neng ba sena lookwane ba kopa ba bangwe go ba thelela lookwane gonne dipone tsa bone di ne di tima.
"Mme ba bangwe ba fetola ba re, ‘ga re na lookwane lo lo lekanyeng. Tsamayang lo ye kwa mabentleleng lo ye go ithekela.’
"Mme ya re ba sa ntse ba tsamaile monyadi a goroga mme ba ba neng ba ipaakantse ba tsena nae mo modirong wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa. Morago fa ba bangwe ba batlhano ba boa, ba nna kwa ntle ba bitsa ba re, ‘Morena Morena, re bulele!’
"Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’
"Jalo nnang lo itisitse lo ipaakantse, gonne ga lo itse letsatsi kgotsa lobaka lwa go boa ga me."