Nascimento de Jesus
O nascimento de Jesus é o evento que divide a história. O Verbo se fez carne e habitou entre nós. Deus enviou seu Filho ao mundo para nos salvar e nos reconciliar consigo.
O Verbo se fez carne
Jesus não nasceu por acaso — sua encarnação foi planejada antes da fundação do mundo. Ele se esvaziou e assumiu a forma humana por amor.
Maikutlo a lona a tshwanetse go nna a mofuta o re o supegeditsweng ke Jesu Keresete, yo o rileng le fa e ne e le Modimo, a se ka a batla ditshwanelo tsa gagwe jaaka Modimo. Mme a baya fa thoko nonofo ya gagwe e kgolo le kgalalelo, a tsaya setshwano sa motlhanka mme a nna jaaka batho.
Mme o ne a ikokobetsa go feta foo, mo e leng gore o ne a bo a swa loso lo lo tshwanang le lwa senokwane mo mokgorong.
Mme erile fa nako e e tshwanetseng e sena go tla, nako e Modimo o neng o e beile, wa roma Morwaone, a tsetswe ke mosadi, a tsetswe e le Mojuta, go re rekela kgololesego, rona ba re neng re le batlhanka ba molao gore a tle a re godise re le bana ba gagwe tota.
Ka rona bana ba Modimo, re le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, le ene o ne a nna nama le madi ka go tsalwa mo setshwanong sa motho; gonne o ne a ka swa fela fa e le motho mme mo go sweng a fenya nonofo ya ga diabolo yo o neng a na le nonofo ya loso.
Ke gone fela ka tsela eo, a neng a ka golola ba ka ntlha ya poifo ya loso ba neng ba ntse ba tshela botshelo jwa bone jotlhe e le magolegwa mo letsho-gong le legolo le le tsweletseng pele.
Mme go ne go tlhokega gore Jesu a nne jaaka rona, barwa-rraagwe, gore a tle a nne Moperesiti yo Mogolo wa rona yo o kutlwelo-botlhoko mo go rona ebile a ikanyega mo Modimong, go tlhabantsha dibe tsa batho.
Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.
O anúncio e o nascimento
O nascimento de Jesus foi anunciado por anjos, precedido por sinais e recebido com adoração pelos pastores e pelos magos do oriente.
A ke mabaka a boammaaruri a a amanang le botsalo jwa ga Jesu Keresete: Marea mmaagwe, o ne a beeletswe go nyalwa ke Josefa. Mme ya re a sa ntse a le kgarebana, a ithwala ga Mowa o o boitshepo.
Mme ya re a sa ntse a thantse a akanya ka ga selo se, a thulamela, a lora, mme a bona moengele a eme fa go ene a mo raya a re, "Josefa, morwa Dafide, se etsaetsege go tsaya Marea jaaka mosadi wa gago ka gore ngwana yo o mo rweleng o mo ithwele ka Mowa o o Boitshepo." Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore "Mmoloki"). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone. Mo go tlaa diragatsa molaetsa wa Modimo o o kileng wa anamisiwa ke baporofiti ba one, ba re, "Reetsang! Kgarebana e tlaa ithwala ngwana! E tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa bidiwa ‘Imanuele’." (Ke gore "Modimo o na le rona") fa go tlhalosiwa. Erile Josefa a tsoga, a dira jaaka moengele a mo laetse, a isa Maria gae go nna mosadi wa gagwe. Mme a nna a ntse a le kgarebana go fitlhelela morwawe a tsholwa mme Josefa a mo raya leina a re "Jesu."
Moengele a mo raya a re, "Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata. Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’ O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide. O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!"
Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide. A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e.
Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe; mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.
Mme moengele a ba nametsa a re, "Se boifeng!" "Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe! Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema! Lo tlaa mo lemoga jang? Lo tlaa bona losea lo phuthetswe mo kobong, lo robaditswe mo bojelong!"
Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, "A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone."
Mme ba sianela kwa motseng ba tsaya tsela e e yang kwa go Marea le Josefe. Mme ga bo go le ngwana a rapame mo bojelong. Badisa ba bolelela mongwe le mongwe kaga se se diragetseng le se moengele o se ba boleletseng kaga ngwana yo. Botlhe ba ba utlwileng polelo ya badisa ba gakgamala.
O Rei que veio servir
Jesus nasceu para ser Rei, e todo aquele que é da verdade ouve a sua voz. Os magos o adoraram e ofereceram seus tesouros.
Pilatwe a fetola a re, "Ee, fa e le gore go ntse jalo o Kgosi?" Jesu a re, "Ee, ke tsaletswe gone moo. Mme ke tletse go lere boammaaruri mo lefatsheng. Botlhe ba ba ratang boammaaruri ke balatedi ba me."
E rile morago ga puisanyo e, balepi ba dinaledi ba simolola go tsamaya gape. Mme bonang! Naledi ya iponatsa gape mo go bone, e eme fa godimo ga Bethelehema. Boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata!
Ya re ba tsena mo tlung e ngwana le Marea mmaagwe ba mo go yone, ba wela ka mangole fa pele ga gagwe ba mo obamela. Ba bula dimpho tsa bone mme ba mo fa gauta, leswalo le le nkgang monate (la kobamelo) le setlolo se sengwe se se bidiwang mera. Mme e rile fa ba boela kwa ga bone, ba se ka ba ralala Jerusalema go itsise Herode, ka gore Modimo o ne o ba tlhagisitse mo torong go boela gae ka tsela e sele.