Pais e filhos
A relação entre pais e filhos é uma das mais preciosas na Bíblia. Deus estabeleceu a família como escola de fé, amor e formação de caráter.
Honrar pai e mãe
Honrar os pais é o primeiro mandamento com promessa. Os filhos são chamados a obedecer, respeitar e cuidar de seus pais.
Bana, utlwang batsadi ba lona; se ke selo se se siameng go dirwa gonne Modimo o ba neile taolo ya go lo laola. Tlotla rrago le mmaago. O ke molao wa ntlha wa Modimo wa melao o o felelang ka tsholofetso. Mme tsholofetso ke e: Gore fa o tlotla rrago le mmago; o tlaa nna le botshelo jo bo leele, jo bo tletseng masego.
Mme lona bana lo tshwanetse go ikobela borraa lona le bommaa lona, gonne seo se itumedisa Morena.
Mme fa ba na le bana kgotsa ditlogolwana, ba ke bone ba ba tshwanetseng go ba tlhokomela, gonne tshiamo e tshwanetse go simologa kwa lwapeng, go thusa batsadi ba ba tlhokang. Se ke selo se se itumedisang Modimo thata.
Instruir os filhos
Os pais devem instruir os filhos no caminho certo. A educação começa cedo, com disciplina amorosa e ensino constante da Palavra.
Mme jaanong ke raya batsadi ba bana ke re: Se ntse lo kgadiepetsa bana ba lona lo ba omanyetsa ruri, lo ba galefisa lo ba kgopisa. Go na le go dira jalo, ba godiseng ka go ba tshola ka lorato lo Morena a lo dumelang, lo ba gakolola ka poifo Modimo.
Borra bana se kgadiepetseng bana ba lona mo e leng gore go ba nyemisa moko ba bo ba latlhegelwe ke maiteko.
Letla Modimo go go ruta, gonne o dira se rre mongwe le mongwe yo o lorato a se direlang bana ba gagwe. Ke mang yo o kileng a utlwa ka ngwana yo o iseng a ke a bo a otlhaiwe?
Filhos como bênção
Os filhos são herança do Senhor. A coroa dos velhos são os filhos dos filhos, e a glória dos filhos são seus pais.
"Mme lona bo rra-bana, fa ngwana wa gago wa mosimane a go kopa senkgwe, a o ka mo naya lentswe? Fa a kopa tlhapi a o ka mo naya noga? Fa a kopa lee, a o ka mo naya phepheng? [Nnyaa!]
"Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?"
Mme mongwe le mongwe yo o se kitlang a tlhokomela ba gagabo fa ba tlhoka thuso, bogolo thata ba ntlo ya gagwe, ga a na tshwanelo ya go ipitsa Mokeresete. Motho yo o ntseng jalo o maswe go feta moheitane.