Pular para o conteúdo
Publicidade

Pão

Por Bíblia Online

O pão é símbolo central na Bíblia: do maná no deserto ao pão da vida — Jesus. A Escritura usa o pão para ensinar sobre provisão divina, comunhão e dependência espiritual.

O maná do céu

Deus alimentou Israel no deserto com pão do céu. O maná era diário, fiel e suficiente — retrato da provisão constante de Deus.

O pão da vida

Jesus declarou: 'Eu sou o pão da vida.' Quem vem a Ele nunca terá fome, e quem nele crê jamais terá sede. Ele é o sustento eterno.

Jesu a ba raya a re, "Moshe ga a ise a ke a se ba neele. Rre ke ene yo a neng a se ba naya. Mme jaanong o lo fa senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong. Senkgwe sa boammaaruri ke Motho, yo o romilweng ke Modimo a tswa legodimong, mme ene o neela lefatshe botshelo." Mme ba mo raya ba re, "Morena, re nnele senkgwe se mo matshelong a rona malatsi otlhe!" Mme Jesu a re, "Ke nna Senkgwe sa Botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go nna yo o tlaa tlholang a bolawa ke tlala gape. Ba ba dumelang mo go nna ga ba kitla ba tlhola ba nyorwa.

Ee, ke senkgwe sa botshelo. Go ne go sena botshelo bope mo senkgweng se, se se neng se tswa mo loaping, se se neng sa neelwa borraeno mo sekakeng, gonne botlhe ba ne ba a swa. Mme go na le senkgwe tota se se tswang legodimong se se nayang mongwe le mongwe yo o se jang botshelo jo bo sa khutleng. Mme ke sone senkgwe seo se se tshelang se se fologileng kwa Legodimong. Le fa e le mang yo o jang senkgwe se o tlaa tshelela ruri; mmele wa me ke sone senkgwe se, se ntsheditswe go golola batho."

Mme Jesu a mo raya a re, "Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo."

Partilha e comunhão

O partir do pão une o corpo de Cristo. Na Ceia, na generosidade e na partilha, expressamos a comunhão com Deus e uns com os outros.

Mme a tsaya senkgwe; mme a se lebogela, a se ngathoganya a se ba naya a re, "Se ke mmele wa me, o lo o neetsweng. O jeng e le segopotso sa me."

Gonne ka nako tsotlhe fa lo o ja senkgwe se lo bo lo nwa senwelo se, lo bolela molaetsa wa loso lwa Morena, gore o lo swetse. Dirang se go fitlhelela a tla gape.

Fa re kopela senwelo sa mofine tshegofatso fa Lomating lwa Morena, a se ga se reye gore, botlhe ba ba se nwang ba tlhakanela tshegofatso ya madi a ga Keresete? Mme fa re ngathoganya senkgwe se go ja mmogo, se se supa gore rotlhe re tlhakanetse dithuso mo mmeleng wa gagwe. Ga go re sepe gore re kae foo, rotlhe re ja mo senkgweng se le sengwe fela, go supa gore rotlhe re ditokololo tsa mmele o le mongwe wa ga Keresete.

Rapelang jaana:

Rraetsho yo o kwa legodimong re tlotla leina la gago le le itshephileng. Re kopa gore bogosi jwa gago bo tle ka bofefo. A go rata ga gago go dirwe mono lefatshing jaaka go dirwa kwa legodimong.

Re neele dijo tsa rona gape gompieno jaaka malatsi otlhe.

Hong Jesu a re, "Ba fepeng." Mme ba botsa ba re, "Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!"

Mme a ba botsa a re, "Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona." Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala.

Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho. Mme batho baa ja botlhe ba kgora!

Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng!

Provisão divina

O justo não é desamparado e seus descendentes não mendigam pão. Deus provê com fidelidade o alimento de cada dia.

Go itlhokomela mo Bafarasaing

Erile ba sena go kgabaganya lecha, barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tla le dijo.

Mme Jesu a ba tlhagisa a re, "Itlhokomeleng! Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai." Ba gopola gore o na a bua jaana ka gore ba ne ba lebetse go tla le senkgwe.

Jesu a ba a itse se ba se akanyang mme a ba raya a re, batho ba tumelo potlana! Ke eng fa lo tshwenyegile jaana ka go tlhoka senkgwe? A ga lo kitla lo tlhaloganya? A ga lo gakologelwe bontsi jwa batho bo le dikete tse ke di hephileng ka dinkgwe di le tlhano, le diroto tse di neng tsa tlogelwa di tletse masalela? A ga lo gakologelwe dikete tse nne tse ke di hephileng le gotlhe mo go neng ga sala? Lo ka akanya jang gore ke ne ke bua ka dijo? Mme gape ka re, "Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai."

Hong kwa bofelong ba tlhaloganya gore ka sebidisoo na a raya thuto e e sa siamang ya Bafarasai le Basadukai.

Seja o primeiro

Este artigo te tocou? Faça uma oração!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.