Protecção e segurança
Deus é nosso protetor e refúgio seguro. Em todas as circunstâncias, a Bíblia nos assegura que o Senhor guarda, sustenta e protege aqueles que nele confiam.
Deus, a nossa fortaleza
O Senhor é refúgio e fortaleza, socorro bem presente na angústia. Quem habita no esconderijo do Altíssimo descansa à sombra do Todo-Poderoso.
O escudo do Senhor
Deus nos rodeia com sua proteção como um escudo. Ele é rocha, baluarte e libertador. Sua fidelidade nos cobre e nos guarda.
Segurança e provisão
O Senhor supre todas as necessidades dos seus filhos. Quem busca o Reino primeiro não precisa temer — nada faltará aos que temem ao Senhor.
Mme ke ene yo o tlaa lo abelang tsotlhe tse lo di tlhokang mo dikhumong tsa gagwe tse di mo kgalalelong, ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng.
gonne ke ka dira sengwe le sengwe se Modimo o batlang ke se dira ka thuso ya ga Keresete yo o nnayang thata le nonofo.
"Mme ka boitumelo o tlaa di lo naya fa lo mo naya tlotlo e kgolo mo botshelong jwa lona.
"Se, boaboele thapelo ya gago jaaka baheitane ba dira, ba ba gopolang gore dithapelo di arabiwa fela ka go boaboelwa. Gakologelwa gore Rrago o itse se tota o se tlhokang pele ga o mo kopa!
"Kopang, mme lo tlaa newa se lo se kopang. Batlang, mme lo tlaa bona. Kokonyang, mme lo tlaa bulelwa.
"Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela. Le fa e le mang yo o batlang, o a bona; fela fa o kokonya, o tlaa bulelwa.
Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?
Guarda e livramento
O anjo do Senhor acampa ao redor dos que o temem e os livra. Deus promete guardar todas as nossas saídas e entradas para sempre.
Confiança inabalável
Melhor é confiar no Senhor do que confiar no homem. Quem anda em integridade anda seguro, e a torre forte do nome do Senhor protege o justo.
A presença protetora
O Senhor prometeu estar conosco e nunca nos desampara. Ele é como sombra à nossa direita e fortaleza em todo o tempo.
Promessas de cuidado
Deus garante que nem um fio de cabelo cairá sem sua permissão. Ele deseja que vivamos em paz, confiança e segurança total nele.
Ga go thaga (kana di ja bokae? A di ja thebe di le pedi?) e e welang fa fatshe Rraeno wa Legodimo a sa itse. Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona tota e badilwe yotlhe. Ke gone se tshwenyegeng! Lona lo botlhokwa thata mo Modimong go feta dithaga tse dintsi.
Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela."
"Mme batho botlhe ba tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me e bile lo bidiwa ka Leina la Me. Mme le fa e le thiri ya tlhogo ya lona ga e kitla e nyelela! Gonne fa lo eme ka tlhomamo, lo tlaa boloka mewa ya lona.
Mme Jesu a ba botsa a re, "E rile fa ke lo phatlalatsa go ya go rera Mafoko a a Molemo lo sena madi, sekgwama kgotsa diaparo tse dingwe, lo ne lwa tsamaya jang?" Mme ba fetola ba re, "Re tsamaile sentle."
Tota fela re ka reng kaga dilo tse di ntseng jaana tse di hakgamatsang? Fa Modimo o re eme nokeng, emang yo o ka nnang kgatlhanong le rona?
Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, "Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang."
Ke gone ineeleng mo Modimong ka boingotlo. Tlhabanang le diabolo mme o tlaa lo tshaba.
Jalo itlhokomeleng, lo se robale jaaka ba bangwe. Lebelelang go bowa ga gagwe lo bo lo nne boitekanelo.
Fidelidade e aliança
Deus é fiel à sua aliança. Ele protege cada promessa que faz e guarda os seus como a menina dos seus olhos.
Mme Morena o a ikanyega; o tlaa lo nonotsha ebile o tlaa lo dibela mo ditlhaselong tsa mefuta le fa e ka nna efe ya ga Satane.
gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang.
Ebile re tlhomamisa se, gore o tlaa re reetsa nako le nako fa re kopa sengwe fela mo go ene ka fa go rateng ga gagwe.
Mme fa re itse gore o a re reetsa fa re bua le ene le fa re isa dikopo tsa rona, mme re ka tlhomamisa gore o tlaa re araba.
Ga go na ope yo e reng e le wa ba ntlo ya Modimo a bo a santse a leofa, gonne Keresete Morwa Modimo, o mo tshegeditse mme diabolo ga a kake a mo leofisa.
Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope. Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele.
Ga ke go kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba boloke ba se ka ba wela mo nonofong ya ga Satane.
Provisão diária
Deus satisfaz os desejos do coração dos seus filhos. Ele abençoa, renova as forças e sustenta dia após dia quem nele confia.
Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore lo tle lo kgone go iphemela mo maanong otlhe le boferefere jwa ga Satane.
Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore lo tle lo kgone go iphemela mo maanong otlhe le boferefere jwa ga Satane. Gonne ga re lwe le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, mme re lwa le batho ba ba senang mebele, babusi ba ba bosula ba lefatshe le le sa bonweng ka matlho, dibopiwa tse di nonofileng tsa bo-Satane le magosana a magolo a a bosula a lefifi a a busang lefatshe leno, le mewa e mentsi e e bosula mo lefatsheng le le sa itsegeng.
Ka tsela e e ntseng jalo, Morena o ntshitse ditaolo gore ba ba rutang Mafoko a a Molemo ba tshwanetse go otlwa ke ba ba a amogelang.
Gonne go rata madi ke yone kgato ya ntlha e e yang kwa mefuteng yotlhe ya boleo. Batho bangwe ebile ba setse ba kgelogile mo Modimong ka ntlha ya go a rata, mme ka go dira jalo ba itsentse mo mathateng a mantsi.
Ke ka moo ke bogang fano mo kgolegelong ebile ga go ntlhabise ditlhong, gonne ke itse yo ke mo ikanyang, ebile ke tlhomamisa gore o nonofile go tlhokomela tsotlhe tse ke di mo neileng go fitlhelela letsatsi la go bowa ga gagwe.