Seguir a Jesus
Seguir a Jesus é o convite mais transformador da Bíblia. Jesus chamou pescadores, cobradores de impostos e pessoas comuns para deixar tudo e segui-lo. Esse chamado continua vivo hoje.
O chamado de Jesus
Jesus disse: 'Segue-me'. Esse convite simples e poderoso mudou a vida de pescadores, publicanos e pessoas comuns ao longo da história.
Mme Jesu a ba bitsa a re, "Ntshalang morago mme ke tlaa lo ruta ka fa lo ka tshwarang ka teng mewa ya batho." Mme ba akofa ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.
Fa Jesu a tsamaya mo phologelong ya tsela, a bona mokgethisi Mathaio, a ntse fa go kgethisediwang teng, mme Jesu a mo raya a re, "Tla o nne morutwa wa me."
Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, "Ntshala morago."
Ya re ba ntse ba tsamaya mongwe a raya Jesu a re, "Nna ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng."
Mme Jesu a mo fetola a re, "Gakologelwa gore ga ke na fa ke robalang teng, bophokoje ba na le mesima e ba nnang mo go yone, le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho ga ke na lelapa mo lefatsheng gotlhelele."
Mme ya re ka nako e nngwe fa a laletsa monna mongwe go nna morutwa wa gagwe, monna a dumela, mme a batla go leta go fitlhela loso lwa ga rraagwe.
Hong Jesu a mo fetola a re, "Lesa ba ba senang botshelo jo bo sa khutleng ba dire dilo tse di ntseng jalo. Wena tiro ya gago ke go tla go rerela lefatshe lotlhe Bogosi jwa Modimo."
Yo mongwe a re, "Ee, Morena, ke tlaa tla, mme ntetla go ya go kopa tetlelelo mo go bagaetsho." Mme Jesu a mo raya a re, "Le fa ele mang yo o iteseletsang go tsietsega mo tirong e ke e mo laetseng ga a a nonofela Bogosi jwa Modimo."
O custo do discipulado
Seguir a Jesus exige renúncia. É preciso tomar a cruz diariamente, deixar tudo para trás e amar a Cristo acima de qualquer outro vínculo.
Hong Jesu a raya barutwa a re, "Fa motho le fa e le mang a rata go nna molatedi wa me, a a iitatole a tseye mokgoro wa gagwe a ntshale morago.
"Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me. Ebile ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa sikare mokgoro wa gagwe a ntshala morago.
Hong Petere a simolola go bolela kaga tsotlhe tse ene le barutwa ba bangwe ba di tlogetseng a re, "Re tlogetse sengwe le sengwe go go sala morago."
Mme Jesu a araba a re, "Mma ke go tlhomamisetse gore ga go na ope yo o tlogetseng sepe, ebong legae, bokgaitsadie, bomorwa rraagwe, mmaagwe, rraagwe, bana kgotsa dithoto tsa gagwe, ka ntlha ya go nthata le go bolelela ba bangwe kaga mafoko a me a a Molemo, yo o se kitlang a newa ga lekgolo go menagane, ebong magae, bomorwa rraagwe, bokgaitsadie, le bo mmaagwe, bana le masimo di na le dipogisego! Tse tsotlhe e tlaa nna tsa gagwe mo lefatsheng leno le mo go le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng. Bontsi jwa batho ba ba bonalang e ka re ba tlhokwa jaanong jaana ba tlaa nna ba ba botlana ka nako eo, mme ba bantsi ba ba bonalang ba le ba botlana fano ba tlaa nna bagolo ka nako eo."
Caminhar com Cristo
Quem segue a Jesus não anda em trevas, mas tem a luz da vida. Ele nos convida a crescer nele e a servir como Ele serviu.
Mme erile morago, mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu a raya batho a re, "Ke lesedi la lefatshe. Jalo fa lo ntshala moragao, ga lo na go kgotswa mo lefifing, gonne lesedi le le tshelang le tlaa bonesa tsela ya lona."
"Fa e le gore Bagerika ba, ba batla go nna barutwa ba me, ba boleleleng gore ba tle ba ntshale morago, gonne batlhanka ba me ba tshwanetse go nna kwa ke teng. Mme fa ba ntshala morago, Rara o tlaa ba tlotla
Dipogo tse ke bontlha bongwe jwa tiro e Modimo o e lo neetseng. Keresete yo o lo bogetseng, ke sekao sa lona. Latelang dikgato tsa gagwe: ga a ise a ke a leofe, ga a ise a ke a bue maaka, ga a ise a ke a busolose fa a tlhapadiwa; erile fa a boga ga a ise a ke a leke go ipusolosetsa; o ne a tlogela tsheko ya gagwe mo mabogong a Modimo o o atlholang ka tshiamo ka nako tsotlhe
Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego. Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato.