Servir
Servir é o coração do evangelho. Jesus não veio para ser servido, mas para servir. O cristão é chamado a seguir esse exemplo, colocando-se a serviço de Deus e do próximo.
O exemplo de Jesus
Cristo é o modelo supremo de serviço. Ele lavou os pés dos discípulos e deu a própria vida como resgate por muitos.
Gonne le nna tota, Mesia, ga ke fano go tla go direlwa fa e se go thusa ba bangwe, le go ntsha botshelo jwa me gore e nne thekololo ya batho ba le bantsi."
Mokgwa wa lona o tshwanetse go nna jaaka wa me, gonne nna Morwa Motho, ga ke a tlela go direlwa, fa e se go direla, le go ntshetsa ba le bantsi botshelo jwa me go nna thekololo."
Mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang mo go lona yo o batlang go nna moeteledipele, o tshwanetse go nna motlhanka wa lona. Mme fa o batla go nna kwa godimodimo, o tshwanetse go dira jaaka lekgoba.
Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo.
A nna fa fatshe a ba bitsa a ba raya a re, "Mongwe yo o batlang go nna yo mogolo o tshwanetse go nna wa bofelo, motlhanka wa botlhe!"
Servindo ao Senhor
Servir a Deus é um privilégio e uma ordenança. Devemos amá-lo de todo coração e servi-lo com alegria e fidelidade.
Se nneng ditshwakga mo tirong ya lona mme direlang Modimo ka tlhwaafalo.
a o ko akanye gore madi a ga Keresete one a ne a ka fetola matshelo le dipelo tsa rona go le kae. Setlhabelo sa gagwe se re golola mo go tshwenyegeng go patelesega go obamela melao e megologolo, ebile se re dira gore re batle go direla Modimo o o tshelang. Gonne ka thuso ya Mowa O O Boitshepo wa bosakhutleng, Keresete o ne a ineela mo Modimong ka go rata go swela dibe tsa rona, ene a le boitekanelo, a se na le fa e le sebe kgotsa molato.
Servir ao próximo
A liberdade cristã nos chama a servir uns aos outros pelo amor. Cada dom recebido é para edificação do corpo de Cristo.
Gonne bakaulengwe, lo neetswe kgololesego: e seng kgololesego ya go dira bosula, mme e leng kgololesego ya go ratana le go direlana.
Lo golotswe mo molaong, mme mo ga go reye gore lo gololesegile go dira molato. Tshelang jaaka ba ba golotsweng go dira go rata ga Modimo fela ka nako tsotlhe.
"Fa e le gore Bagerika ba, ba batla go nna barutwa ba me, ba boleleleng gore ba tle ba ntshale morago, gonne batlhanka ba me ba tshwanetse go nna kwa ke teng. Mme fa ba ntshala morago, Rara o tlaa ba tlotla
"Ga o ka ke wa direla barena ba le babedi: Modimo le madi. Ka o tla ila yo mongwe o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka tsela e sele.
Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng.
Fidelidade e recompensa
O servo fiel e sábio será recompensado pelo Senhor. A fidelidade no serviço honra a Deus e produz frutos eternos.
Monngagwe a mo akgolela tiro e ntle eo. A mo raya a re o ikanyegile mo go bolokeng bonnyennyane jo, jalo he ke tlaa go naya thata mo dilong di le dintsi. Tla o tlhakanele le nna boitumelo jwa me."
Jalo bakaulengwe ba me, e re ka phenyo e e tlang e tlhomamisega, nonofang lo nitame, lo tshwaragane mo tirong ya Morena ka nako tsotlhe, gonne lo itse gore ga go sepe se lo se direlang Morena se se senyegang jaaka go ne go ka nna fa go ne go sena tsogo ya baswi.
Baebele yotlhe re e neetswe ka tlhotlheletso ya Modimo gape e botlhokwa go re ruta se e leng boammaaruri le go re lemotsha se se sa siamang mo matshelong a rona; e a re tlhamalatsa ebile e re thusa go dira tshiamo. Ke tsela ya Modimo ya go re siamisa mo dilong tsotlhe, gore re felele mo go direleng batho botlhe tshiamo ka botlalo.