Publicidade

Verdade

Por Bíblia Online

A verdade é um dos atributos centrais de Deus e um pilar da vida cristã. Jesus se declarou o caminho, a verdade e a vida. Viver na verdade é viver em liberdade e integridade.

Deus é a fonte da verdade

O Senhor é fiel e verdadeiro em todas as suas palavras. Sua Palavra é a verdade absoluta que ilumina nosso caminho e nos sustenta.

Mme Jesu a mo raya a re, "Ke nna Tsela, ee, le Boammaaruri le Botshelo. Ga go na ope yo o ka tlang kwa go Rara fa e se ka nna.

Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo!

Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng.

O Espírito da verdade

Jesus prometeu enviar o Espírito Santo, o Espírito da verdade, que nos guia, ensina e nos faz lembrar de tudo o que Cristo disse.

Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona.

"Mme ke tlaa lo romelela Mogomotsi, Mowa O O Boitshepo, motswedi wa boammaaruri jotlhe. O tlaa tswa kwa go Rara mme o tlaa lo bolelela gotlhe ka ga me.

Mme lo amogetse Mowa O O Boitshepo ebile o nna mo go lona, mo dipelong tsa lona, gore lo seka lwa tlhokana le ope go lo ruta se se siameng. Gonne o lo ruta dilo tsotlhe, ebile o Boammaaruri, ga se moaki; mme fela jaaka a buile, lo tshwanetse go nna mo go Keresete, lo sa kgaogane nae.

Jesu a fetola a re, "Nako e e tla, mma, fa re tlaa bong re sa tlhole re tshwenyega ka gore a re obamela Rara fano kgotsa mo Jerusalema. Gonne ga go mo go reng re obamela kae, fa e se gore re obama jang, ebong gore a kobamelo ya rona ke ya semowa le ya boammaaruri? A re na le thuso ya Mowa O O Boitshepo? Gonne Modimo ke Mowa, jalo re tshwanetse go nna le thuso ya one go o obamela jaaka re tshwanetse. Rara o batla one mofuta o wa kobamelo mo go rona. Mme lona Basamaria lo itse go se kae fela kaga gagwe, lo obamela ka bofofu fa rona Bajuta re itse gotlhe kaga gagwe, gonne poloko e tla mo lefatsheng ka Bajuta."

A verdade liberta

Jesus prometeu que conhecer a verdade nos torna livres. A mentira aprisiona, mas a verdade de Deus nos conduz à plenitude.

Mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba mo utlwileng a bua dilo tse ba simolola go mo dumela fa e le Mesia. Jesu a ba raya a re, "Lo barutwa ba me ba boammaaruri fa lo tshela ka fa ke lo bolelelang ka teng, mme lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola."

Dira thata gore Modimo o tle o go reye o re, "O dirile sentle." Nna modiri yo o siameng, yo o sa tlhokeng go tlhabiwa ke ditlhong fa Modimo o tlhatlhoba tiro ya gago. Itse se Lefoko la One le se buang le se le se rayang.

Gape e ne e le letsatsi le le itumedisang mo go One fa o re naya matshelo a masha, ka boammaaruri jwa Lefoko la one, mme re ne ra nna jaaka ekete re bana ba One ba ntlha mo go ba ntlo ya One e ncha.

Vivendo e falando a verdade

Somos chamados a falar a verdade em amor e a rejeitar toda forma de engano. A integridade nas palavras é marca do cristão.

Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego. Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato.

Mme jaanong, bakaulengwe, a e re ke tswala lokwalo lo, ke boelele gape selo se: tiisang megopolo ya lona mo boammaaruring le mo molemong le mo tshiamong. Akanyang kaga dilo tse di itshekileng le tse di ntle mme lo nne mo dilong tse di siameng, tse di molemo mo go ba bangwe. Akanyang kaga tsotlhe tse lo ka galaletsang Modimo ka tsone lo bo lo itumele kaga tsone.

Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba ba rategang, se ikaneng ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa le fa e le ka eng; lo re "ee" kgotsa "nnyaa" fela, gore lo seka lwa leofa lwa tloga lwa welwa ke phutso ya Modimo.

Bananyana, re khutliseng go nna re bua puo ya molomo fela re re re rata batho; a re ba rateng ka boammaaruri, re bo re go supe ka ditiro tsa rona.

Jalo fa re re re ditsala tsa one, mme re tswelela re nna mo lefifing la semowa le mo sebeng, re bua maaka.

Go ne go se na boitumelo bope jo ke neng ka nna najo go gaisa go utlwa dikgang tse di ntseng jalo ka bongwanake.

Tumelo

Tumelo ke eng? Ke tsholofelo e e tlhomameng ya gore se re se batlang se tlaa diragala. Ke tlhomamiso ya gore se re se solofetseng se re letetse, le fa re sa se bone ka matlho a senama.

Seja o primeiro
Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-