Pular para o conteúdo
Publicidade

1 Bakorintha 12:1-7

Dineo tsa Mowa O O Boitshepo

1 Mme jaanong bakaulengwe, ke batla go kwala kaga dineo tse di faphegileng tse Mowa O O Boitshepo o di nayang bangwe le bangwe ba lona, gonne ga ke batle tlhoka-kutlwisisanyo kaga tsone. 2 Lo tlaa gakologelwa gore pele ga lo nna Bakeresete lo ne lo tlhatlologanya medimo ya disetwa, lo tswa mo go o lo tsena mo go o mongwe, go se ope wa yone o o neng o ka bua lefoko le le lengwe. 3 [Mme jaanong lo kopana le batho ba ba reng ba bua melaetsa e e tswang mo Moweng wa Modimo.] Lo itse jang gore ba tlhotlheleditswe ke Modimo tota kgotsa ke batsietsi? Itlhatlhobo ke e: ga go na ope yo o buang ka nonofo ya Mowa wa Modimo yo o ka hutsang Jesu, le gone ga go na ope yo o ka reng, "Jesu ke Morena," mme e le boammaaruri, fa a sa thusiwe ke Mowa O O Boitshepo.

4 Jaanong Modimo o re naya mefuta e mentsi ya dineo tse di faphegileng, mme ke Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela o e leng one motswedi wa tsone tsotlhe. 5 Go na le mefuta e e farologanyeng ya ditirelo Modimo, mme ke Morena a le mongwe fela yo re mo direlang. 6 Go na le ditsela di le dintsi tse Modimo o dirang ka tsone mo matshelong a rona, mme ke Modimo o le mongwe fela o o dirang tiro mo go rona rotlhe ba re leng ba one. 7 Mowa O O Boitshepo o bonatsa nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe wa rona e le go thusa phuthego yotlhe.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.