Pular para o conteúdo
Publicidade

I Bakorintha 12

Mmele o le mongwe

12 Mebele ya rona e na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tse dintsi di dira mmele o le mongwe fela fa di kopantswe. Go ntse fela jalo ka "mmele" wa ga Keresete. 13 Mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya mmele wa ga Keresete. Bangwe ba rona ke Bajuta, bangwe ke Badichaba, bangwe ke magolegwa mme bangwe ba gololesegile. Mme Mowa O O Boitshepo o re tshwaragantse mmogo mo mmeleng o le mongwe. Re kolobeditswe mo mmeleng wa ga Keresete ka Mowa o le mongwe, ra bo ra newa one Mowa O O Boitshepo oo.

14 Ee, mmele o na le ditokololo tse dintsi, e seng tokololo e le nngwe fela. 15 Fa lonao lo re, "Ga ke tokololo ya mmele ka gore ga ke letsogo," seo ga se dire lonao tokololo e potlana ya mmele.

16 Mme o ne o ka reng fa o utlwa tsebe e re, "Ga ke tokololo ya mmele ka gore ke tsebe fela, ga ke leitlho". A seo se ne se tlaa e dira tokololo e potlana ya mmele?

17 A re re fa mmele otlhe e ne e le leitlho, o ne o ka utlwa jang? Kgotsa mmele wa gago otlhe fela e le tsebe e le nngwe e tona, o ne o ka dupelela jang? 18 Mme ga se kafa Modimo o re dirileng ka gone. O diretse mebele ya rona ditokololo di le dintsi thata, mme wa baya tokololo nngwe le nngwe fa o e batlang gone. 19 Go ne go tlaa hakgamatsa jang fa mmele o ne o na le tokololo e le nngwe fela? 20 Jalo o dirile ditokololo tse dintsi, mme le fa go ntse jalo, mmele o ntse o mongwe fela.

21 Leitlho ga le kake la raya letsogo la re, "Ga ke go batle," Tlhogo ga e kake ya raya dinao ya re, "Ga ke lo batle".

22 Mme ditokololo dingwe tse di lebegang di le bokoa ebile di se botlhokwa thata ke tsone tota tse di tlhokegang thata, 23 mme ditokololo tse re akanyang gore ga di botlhokwa thata, re di eleng tlhoko thata; fa ditokololo tsa mmele tse di sa lebegeng di le dintle thata di amogela kelotlhoko e e faphegileng, 24 fa tota ditokololo tse di ka bonwang di sa batle tlhokomelo e e faphegileng e. Jalo Modimo o bopile mmele ka tsela e e leng gore tlotlo le tlhokomelo di newe ditokololo tse di lebegang di sa tlotlwa thata. 25 Se se dira boitumelo mo ditokololong, gore ditokololo tse di nne le tlhokomelo e e tshwanelang tse dingwe gore di itirele ka bo tsone. 26 Fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo di utlwa botlhoko nayo, mme fa tokololo e le nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di a itumela.

27 Jaanong se ke batlang go se bua ke se: Lotlhe lo mmele o le mongwe fela wa ga Keresete mme mongwe le mongwe wa lona ke tokololo e e faphegileng e e tlhokegang ya one.

Veja também