Pular para o conteúdo
Publicidade

1 Bakorintha 13:1-7

Se segolo ke lorato

1 Fa ke ne ke na le mpho ya go kgona go bua dipuo tse dingwe tse ke sa di ithutang le go ka bua puo nngwe le nngwe e e mo legodimong le mo lefatsheng lotlhe, mme ke sa rate ba bangwe, ke tlaa bo ke ne ke tsosa modumo fela. 2 Fa ke ne ke na le mpho ya go porofesa ebile ke itse tsotlhe tse di tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang, ke itsile sengwe le sengwe kaga sengwe le sengwe, mme ke sa rate ba bangwe, go ne go ka dira molemo wa eng? Le fa ke ne ke na le mpho ya tumelo mo e leng gore ke ne ke ka bua le thaba ka e dira gore e sute, ke ne ke tlaa bo ke santse ke sena mosola gotlhelele fa ke sena lorato. 3 Fa ke abetse bahumanegi sengwe le sengwe se ke nang naso, le fa e le gore ke tshubetswe go rera Mafoko a a Molemo, mme ke ne ke sa rate ba bangwe, go ka bo go sena molemo ope.

4 Lorato lo pelotelele lo bile lo pelonomi, ga lo pelotshetlha kgotsa lefufa, ga lo ikgantshe kgotsa go ipelafatsa, 5 ga lo ikgodise kgotsa ga lo ikgapele ebile ga lo makgakga. Lorato ga lo batle tsela ya lone fela. Ga lo rumolesege kgotsa go amega. Ga lo tshole ka pelo ebile ga lo nke lo tlhokomela le fa ba bangwe ba lo direla phoso. 6 Ga lo ko lo itumelela tshiamololo mme lo itumelela boammaaruri ka nako tsotlhe. 7 Fa o rata yo mongwe o tlaa nna le boammaaruri mo go ene go sa re sepe gore go a reng. O tlaa aga o dumela mo go ene, o solofela tse di molemo mo go ene, ebile o mo femela ka gale ka boammaaruri.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.