22 Mongwe le mongwe o a swa ka ntlha ya gore rotlhe re ba losika lwa ga Adamo, re le maloko a lotso lwa gagwe a sebe, mme gongwe le gongwe kwa go nnang le sebe, loso lo a diragala. Mme botlhe ba losika lwa ga Keresete ba tlaa tsoga gape. 23 Mme le fa go ntse jalo mongwe le mongwe o tlaa tsoga ka fa thulaganong: Keresete o tsogile pele; mme fa Keresete a bowa, batho botlhe ba gagwe ba tlaa rula.
24 Morago ga moo bokhutlo bo tlaa tla fa o tlaa busetsang bogosi kwa go Modimo Rara, a beile fa fatshe baba botlhe ba mefuta mengwe le mengwe. 25 Gonne Keresete o tlaa nna Kgosi go fitlhelela a fenya baba botlhe ba gagwe,