Go ntshiwa ga dikabelo
1 Mme jaanong se ke ditsela dingwe kaga madi a lo a kgobokanyang go a romelela Bakeresete ba ba kwa Jerusalema; mme se ke ditsela tse di tshwanang le tse ke neng ka di neela diphuthego kwa Galatia. 2 Ka Tshipi yo mongwe le yo mongwe, mongwe le mongwe wa lona a beele fa thoko sengwe mo go se o se amogetseng mo bekeng, mme lo se dirisetse mpho e. Tlhwatlhwa e ya fela ka fa Morena o go thusitseng ka gone. Lo se lete go fitlhelela ke tsena koo mme lekang go a phutha otlhe gangwe fela.
3 E tlaa re fa ke tla ke tlaa romela mpho ya lona e ntle ka lokwalo kwa Jerusalema, go ya go tsewa gone ke barongwa ba ba tshephegang ba lona lo tlaa ba tlhophang.