Boleo jwa batho ba Korintha
1 Mongwe le mongwe o bua kaga selo se se maswe se se diragetseng koo mo gare ga lona, sengwe se se bosula thata se le e leng bone baheitane ba sa se direng! Lo na le motho mongwe mo phuthegong ya lona yo o tshelang mo sebeng le mosadi wa ga rraagwe.
2 Mme a lo santse lo ipelafatsa, lo re lo ba "Semowa?" Ke eng fa lo sa lele ka khutsafalo le ditlhong, le gore lo bone gore motho yo o ntshiwa mo botokololong jwa lona?