1 Jaanong kaga dipotso tse lo neng lo di botsa mo lokwalong lwa lona lwa bofelo: Karabo ya me ke gore, fa lo sa nyale, go siame. 2 Mme ka legale go siame go nyala, monna mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le mosadi yo e leng wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nna le monna yo e leng wa gagwe, e se re gongwe lwa boela gape mo sebeng.
3 Monna o tshwanetse go naya mosadi wa gagwe di tsa gagwe tsotlhe jaaka mosadi yo o nyetsweng, le mosadi o tshwanetse go direla monna wa gagwe fela jalo. 4 Gonne morweetsana yo o nyalwang ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne monna wa gagwe o na le ditshwanelo tsa gagwe mo go one le ene; mme fela jalo monna le ene ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne gape ke wa mosadi wa gagwe. 5 Jalo lo seka lwa ganelelana ka ditshwa-nelo tse. Fela selo sa botlhokwa mo molaong o ke ka tumalano ya monna le mosadi go ikgapa mo ditaolong tsa lenyalo selekanyo sa lobaka lo lo kailweng, gore ba tle ba ineele mo thapelong ka tshosologo. Morago, ba tshwanetse go kopana gape gore Satane a se ka a kgona go ba raela ka ntlha ya go tlhoka go itshwara ga bone.