10 Jaanong, mo go ba ba nyetseng ke na le taolo, e seng mogopolo. Mme ga se taolo e e tswang mo go nna, gonne se ke se Morena ka boene a se buileng: Mosadi ga a a tshwanela go tlogela monna wa gagwe. 11 Mme fa a kgaogane nae, a a nne fela a sa nyalwa kgotsa a boele kwa go ene. Le monna ga a a tshwanela go tlhala mosadi wa gagwe.
12 Fa, ke batla go tlatsa ka megopolo e mengwe e e leng ya me. Se ga se ditaolo tse di tswang kwa Moreneng, mme di bonala di siame mo go nna. Fa Mokeresete a na le mosadi yo e seng Mokeresete, mme a batla go nna nae, ga a a tshwanela go mo tlogela kgotsa go mo tlhala.