12 Fa, ke batla go tlatsa ka megopolo e mengwe e e leng ya me. Se ga se ditaolo tse di tswang kwa Moreneng, mme di bonala di siame mo go nna. Fa Mokeresete a na le mosadi yo e seng Mokeresete, mme a batla go nna nae, ga a a tshwanela go mo tlogela kgotsa go mo tlhala.
13 Mme fa mosadi wa Mokeresete a na le monna yo eseng Mokeresete, ga a a tshwanela go mo tlogela. 14 Gonne gongwe monna yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya mosadi wa gagwe wa Mokeresete. Le mosadi yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya monna wa gagwe yo e leng Mokeresete. Ntle go moo fa lolwapa lo kgaogana, go ka diragala gore bana ba se ka ba tlhola ba itse Morena; fa lolwapa lo lo kopaneng lo ka itse Morena, mo leanong la Modimo go ka felela mo polokong ya bana.