21 A o lekgoba? A moo go se go tshwenye, mme e re, fa o bona lobaka lwa go gololesega, o lo dirise. 22 Fa Modimo o go bitsa, o le lekgoba, gakologelwa gore Keresete o go golotse mo nonofong e e boitshegang ya boleo; mme fa a go biditse, ebile o gololesegile, gakologelwa gore jaanong o lekgoba la ga Keresete. 23 O rekilwe ebile o dueletswe ke Keresete, jalo o wa gagwe, gololesega jaanong mo dilong tse tsotlhe tsa mabela a lefatshe le poifo. 24 Jalo bakaulengwe ba ba rategang, le fa motho a ka bo a le mo seemong se se ntseng jang fa a nna Mokeresete, mo lese a nne foo, gonne jaanong Morena o teng go mo thusa.
Publicidade