Publicidade

1 Coríntios 7

32 Mo go tsotlhe tse lo di dirang, ke batla gore lo nne le kgololesego mo dingongoreng. Monna yo o sa nyalang o ka senya lobaka lwa gagwe a dira tiro ya Morena le go akanya ka fa o ka o itumedisang ka teng. 33 Mme monna yo o nyetseng ga a ka ke a dira jalo sentle; o tshwanetse go akanya kaga dilo tsa lefatshe le ka fa o ka itumedisang mosadi wa gagwe ka teng. 34 Dikgatlhego tsa gagwe di kgaogane. Go tshwana fela le morweetsana yo o nyalwang. O lebana le mathata a a ntseng fela jalo. Morweetsana yo o sa nyalwang o tlhwaafalela go itumedisa Morena ka bojotlhe jwa gagwe le se o se dirang. Mme mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go akanya dilo tse dingwe jaaka go tlhokomela ntlo ya gagwe le go rata le go sa rate ga monna wa gagwe.

Veja também

Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-07-05_19-25-13-