Publicidade

1 João 2

12 Ke lo kwalela dilo tse lotlhe, bananyana ba me, gonne lo itshwaretswe dibe mo leineng la ga Jesu Mmoloki wa rona. 13 Ke lo kwalela dilo tse lona ba lo godileng gonne ruri lo itse Keresete, ene yo o ntseng a tshedile go tswa tshimologong. Mme lona makau, ke bua le lona gonne lo fentse ntwa ya ga Satane. Gape ke kwalela lona basimanyana le lona basetsanyana gonne le lona lo ithutile go itse Modimo Rraa-rona.

14 Mme lona borrabana ba lo itseng Modimo wa bosakhutleng, le lona makawana a a nonofileng, ka Lefoko la Modimo mo dipelong tsa lona, ebile lo fentse ntwa ya ga Satane, ke lo raya ke re: 15 khutlisang go rata lefatshe leno le le bosula, le gotlhe mo le go lo neelang, gonne fa lo rata dilo tse, lo supa tota gore ammaaruri ga lo rate Modimo;

Veja também

Publicidade
1 João
Ver todos os capítulos de 1 João
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-22_10-02-25-