Mowa wa Modimo
1 Ditsala tse di rategang, se dumeleng sengwe le sengwe se lo se utlwang fela ka gore mongwe a re ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. O sekasekeng go bona gore a ke one tota. Gonne go setse go na le baruti ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri, 2 mme tsela ya go bona gore a molaetsa wa bone o tswa mo Moweng O O Boitshepo ke go botsa potso e e reng, "A go dumelesega tota gore Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a nna motho a le mo mmeleng wa setho fela jaaka rona?" Fa e le gore go ntse jalo, mme molaetsa o tswa kwa Modimong. 3 Fa e le gore ga go a nna jalo, molaetsa ga o tswe kwa Modimong, o tswa kwa go yo o tlhabantshang Keresete, jaaka "Moganetsa-Keresete" yo lo utlwileng ka ga gagwe yo o tlaa tlang mme mokgwa wa gagwe wa bobaba o o tlhabantshang ba ba kgatlhanong le Keresete, 4 gonne go na le mongwe mo dipelong tsa lona yo o nonofileng go gaisa moruti mongwe le mongwe yo o bosula mo lefatsheng leno la boikepo.