10 Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng? 11 Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.