13 Jaanong lo ka lebelela ka tlhoafalo le tlhalefo ya tshiamo ya Modimo fa Keresete Jesu a bowa.
14 Utlwang Modimo gonne lo bana ba One; se boeleng gape mo mekgweng ya lona ya bogologolo, lo dira bosula ka go bo lo ne lo sa itse tshiamo. 15 Mme nnang boitshepo jaanong mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, fela jaaka Morena yo o lo bileditseng go nna bana ba gagwe a le Boitshepo. 16 Ene ka boene o rile, "Lo tshwanetse go nna Boitshepo, gonne ke Boitshepo."