Publicidade

1 Pedro 1

6 Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano.

7 Diteko tse ke go leka tumelo ya lona fela, go bona gore a e nonofile ebile e itshekile kgotsa nnyaa. E lekwa jaaka molelo o leka gauta o bo o e tlhatswa, mme tumelo ya lona e botlhokwa thata mo Modimong go gaisa gauta; jalo fa tumelo ya lona e sala e nonofile e sena go lekwa ka molelo, e tlaa lo tlisetsa pako le kgalalelo le tlotlo mo letsatsing la go bowa go gagwe.

8 Lo a mo rata ntswa lo ise lo ke lo mmone; le fa lo sa mmone, lo a mo ikanya; mme jaanong lo itumela ka boitumelo jo bo bonalang bo tswa legodimong ka bo lone. 9 Mme tuelo ya lona ya go mo ikanya e tlaa nna poloko ya mewa ya lona.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-29_22-07-56-