1 O se ka wa gakalela motho yo o godileng, mme o mo kope ka maitseo fela jaaka fa e ka bo e le rrago. Buisa makau fela jaaka bo mogoloo ba o ba ratang thata.
2 O tseye basadi ba ba godileng jaaka bommago, le basetsana jaaka bokgaitsadiyo, o akanye megopolo e e itshekileng fela ka bone.