Tsogo ya badumedi mo losong
13 Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, ke batla gore lo itse se se diragalang mo Mokereseteng fa aa swa gore e tle e re fa loso lo tla, lo seka lwa utlwa botlhoko thata, jaaka ba ba se nang tsholofelo. 14 Gonne e re ka re dumela gore Jesu o ne a swa a bo a tsoga mo losong gape, re ka dumela gape gore fa Jesu a bowa gape, Modimo o tlaa mmusa le Bakeresete botlhe ba ba suleng. 15 Ke ka lo bolelela se, se tswa kwa Moreneng ka sebele: Gore rona ba re santseng re tshela, fa Morena a boa ga re kitla re tlhatloga go ya go mo kgatlhantsha pele ga ba ba mo mabitleng a bone. 16 Gonne Morena ka sebele o tlaa fologa kwa legodimong ka loshalaba lo logolo le go gowa ga moengele mo go amang mowa le go galaotega ga torompeta ya Modimo. Mme Bakeresete ba ba suleng ba tlaa nna ba ntlha go tlhatloga ba ya go kgatlhantsha Morena.
17 Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go kgatlhantsha Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo. 18 Ke gone gomotsanang lo kgothatsane ka mafoko a.