3,4 Gonne Modimo o batla gore lo nne boitshepo le bophepa, le go ikgapha mo sebeng sa boaka gore mongwe le mongwe wa lona a tle a nyale ka boitshepo le ka tlotlo, 5 e seng mo dikeletsong tsa nama jaaka baheitane ba dira, mo bosenakitsong jwa bone ka Modimo le ditsela tsa one.
6 Mme gape le mo ke go rata ga Modimo: gore o seka wa tsietsa mo selong se, ka go tsaya mosadi wa monna yo mongwe, gonne Morena o tlaa go otlhaela go dira jalo ka kwatlhao e e botlhoko, jaaka re lo boleletse pele ka tlhwaafalo. 7 Gonne Modimo ga o a re biletsa go nna le megopolo e e maswe le go tlala dikeletso tsa nama, mme o re bileditse go nna boitshepo le bophepa.