13 Modimo ga o a roma batho bao gotlhelele; ke "batsietsi" ba ba lo tsietsang gore lo gopole gore ke baaposetoloi ba ga Keresete. 14 Le fa go ntse jalo ga ke hakgamale! Satane o ka iphetola moengele wa lesedi, 15 jalo ga go hakgamatse gore batlhanka ba gagwe ba ka dira jalo le bone, ba bonale jaaka baruti ba Modimo. Kwa bokhutlong ba tlaa amogela kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanelang ditiro tsa bone tsa boikepo.
Publicidade