11 Ke ka ntlha ya go boifa Morena ka tlhwaafalo, e e nnang ka metlha yotlhe mo megopolong ya rona, gore re dire thata go gapa ba bangwe. Mo-dimo o itse dipelo tsa rona, gore di itshekile mo selong se, ebile ke solofela gore, mo botennyeng jwa dipelo tsa lona, le lona lo a bo itse.
12 A re leka go ikopaopela mo mekwatleng gape? Nnyaa, ke lo naya ditlhabano tse di siameng! Lo ka di dirisa mo barering bao ba lona ba ba ikgantshang ka go bonala sentle le go rera ga bone, mme ba se na dipelo tsa boammaaruri tsa boikanyego. Lo ka ipelafatsa ka rona ka gore, re ikaeletse sentle ebile re a ikanyega. 13,14 A re a tsenwa (go bua dilo tse kaga rona)? Fa go ntse jalo, ke go tlisa kgalalelo mo Modimong. Mme fa re le mo megopolong ya rona e e siameng, ke thusego mo go lona. Sengwe le sengwe se re se dirang, ga se poelo ya rona, mme ke ka ntlha ya lorato lwa ga Keresete lo lo re laolang jaanong. Ka re dumela gore Keresete o re swetse rotlhe, re tshwanetse go dumela gore le rona re sule mo botshelong jo bogologolo jo re neng re bo tshela. 15 O swetse botlhe gore botlhe ba ba tshelang, ba amogele botshelo jo bosakhutleng mo go Ene, ba se ka ba tlhola ba itshelela, go iitumedisa, mme e le go dirisa matshelo a bone go itumedisa Keresete yo o ba swe-tseng a bo a ba tsogela. 16 Jalo lesang go sekaseka Bakeresete ka se lefatshe le se akanyang kaga bone kgotsa ka fa ba bonalang ba ntse ka teng ka fa ntle. Ke kile ka fosa ka go akanyetsa Keresete ka mokgwa oo, e le motho fela jaaka nna. Ke ikutlwa ke fetogile jang jaanong. 17 Fa mongwe a nna Mokeresete o nna motho yo mosha mo teng gotlhelele. Ga a tlhole a tshwana le jaaka pele. Botshelo jo bosha bo simologile!
18 Dilo tse tsotlhe tse dintsha di tswa mo Modimong o o re buseditseng mo go one ka se Keresete Jesu a se dirileng. Mme Modimo o re neile tshwanelo ya go tlhotlheletsa mongwe le mongwe go tla mo thatong ya one le go letlanngwa nae.
19 Gonne Modimo o ne o le mo go Keresete, go busetsa lefatshe mo go one, o sa tlhole o bala dibe tsa batho fa e se go di phimola. O ke molaetsa o montle o o o re neetseng go o bolelela ba bangwe. 20 Re barongwa ba ga Keresete. Modimo o a re dirisa go bua le lona: re a lo Kopa, jaanong ekete Keresete ka bo ene o fano o a lo kopa, amogelang lorato lo o lo lo nayang, nnang le tetlano le Modimo. 21 Gonne Modimo o tshotse Keresete yo o senang boleo mme a tshela mo go ene dibe tsa rona. Ke gone, mo kananyong, o tshetseng tshiamo ya one mo go rona.