6 Jaanong re lebeletse ka boikanyego mebele ya rona ya selegodimo, re lemoga gore nako nngwe le nngwe e re e senyang mo mebeleng e eya selefa-tshe ke nako e e senyegileng mo legaeng la rona la bosakhutleng kwa legodimong le Jesu. 7 Re itse gore dilo tse di boammaaruri ka go dumela, e seng ka go bona. 8 Le gone ga re boife, mme re itumelela go swa, gonne re tlaa bo re le kwa gae le Morena.
9 Jalo maikemisetso a rona ke go mo itumedisa ka metlha yotlhe mo go sengwe le sengwe se re se dirang, le fa re le fano mo mmeleng o, kgotsa re le kgakala le mmele o, mme re na le ene kwa legodimong.