Publicidade

2 Pedro 3

3 Sa ntlha, ke batla go lo gakolola gore mo malatsing a bofelo, go tlaa tla basotli ba ba tlaa dirang bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang, mme ba sotla boammaaruri. 4 Se e tlaa nna tsela ya bone ya kganetsanyo: "Kana Keresete o solofeditse go tla gape, a mme o tsile? Jaanong o kae? Ga a kitla a tla! Ka ntlha ya eng, fela jaaka mongwe le mongwe a ka gakologelwa, sengwe le sengwe se ntse fela jaaka mo letsatsing la ntlha la lobopo."

5,6 Ba itebatsa ka bomo boammaaruri jo: Gore Modimo o ne wa senya lefatshe ka morwalela o o boitshegang bogologolo o sena go dira magodimo ka lefoko la taolo ya One, mme wa dirisa metse go dira lefatshe le go le dikaganyetsa. 7 Mme Modimo o ne wa laola lefatshe le magodimo go bolokelwa molelo ka letsatsi la katlholo, fa botlhe ba ba senang boModimo ba tlaa nyelediwa.

Veja também

Publicidade
2 Pedro
Ver todos os capítulos de 2 Pedro
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-22_10-02-25-