Publicidade

2 Pedro 3

8 Mme se lebaleng se, ditsala tse di rategang, gore letsatsi kgotsa dingwaga tse di sekete go simologa gompieno mo Moreneng di tshwana fela le ka moso.

9 Tota ga o bonya kaga tsholofetso ya One ya go bowa, ntswa ka nako tse dingwe go tle go bonale go ntse jalo. Mme o letile, ka mabaka a a utlwalang gore ga o batle ope a nyelela, mme o naya baleofi lobaka lwa go ikwatlhaya. 10 Ruri letsatsi la Morena le e tla, le tla jaaka legodu, mme magodimo a tlaa feta ka modumo o mogolo le mebele ya selegodimo e tlaa nyelela mo molelong, mme lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone se tlaa tshujwa ka molelo.

11 Mme jalo ere ka sengwe le sengwe se se re dikaganyeditseng se tlaa nyerologa, re tshwanetse ra bo re tshela botshelo jo bo boitshepo jo bo nang le boModimo jo bo ntseng jang? Re tlaa tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo boitshepo jwa Bo-Modimo.

12 Lo tshwanetse go lebelela letsatsi leo lwa ba lwa le ipaakanyetsa, letsatsi le Modimo o tlaa tshubang magodimo ka molelo, mme mebele ya selegodimo e tlaa nyerologa e nyelela mo dikgabong. 13 Mme re lebeletse tsholofetso ya Modimo ya magodimo a masha le lefatshe le lesha morago ga lobaka, kwa go tlaa bong go le tshiamo fela.

Veja também

Publicidade
2 Pedro
Ver todos os capítulos de 2 Pedro
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-29_22-07-56-