O laiwa gore a nne le tumelo e e nonofileng
3 Ke leboga Modimo jang ka wena, Timotheo. Ke go rapelela malatsi otlhe, le ka nako tsotlhe mo masigong a maleele ke kopa Modimo wa me go go segofatsa mo go menaganyeng. Ke Modimo wa borre, le wa me, mme maikaelelo a me fela mo botshelong ke go o itumedisa.
4 Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana.
5 Ke itse gore o ikanya Morena go le kae, fela jaaka mmago Yunise le mmago-mogolo Loise ba mo ikanya; ebile ke tlhomamisa gore o santse o mo ikanya thata fela jaaka gale.