8 O se ka wa lebala ntlha ya botlhokwa ya gore Jesu Keresete e ne e le Motho, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide; le gore e ne e le Modimo, jaaka go supilwe ke boammaaruri jwa gore o tsogile gape mo baswing. 9 Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe.
Publicidade